Letsatsi la Boditšhabatšhaba la loleme lwa ga Mmè ke Moletlo wa ngwaga le ngwaga wa lefatshe lotlhe o o tshwarwang ka 21 Tlhakole go rotloetsa temogo ya dipuo le ditso tse di farologaneng le go rotloetsa dipuo di le dintsi. E ne ya itsisiwe la ntlha semmuso ke UNESCO ka 17 Ngwanatsele ka ngwaga wa 1999, mme ya amogelwa semmuso ke Kokoanokakaretso ya Ditšhaba Tse di Kopaneng ka go amogelwa ga tshwetso ya ditshaUN 56/262 ka ngwaga wa 2002.
Letsatsi la loleme lwa ga Mmè ke karolo ya maitlhomo a magolo "go rotloetsa go bolokiwa le go sirelediwa ga dipuo tsotlhe tse di dirisiwang ke batho ba lefatshe" jaaka di amogetswe ke Kokoanokakaretso ya UN ka 16 Motsheganong 2007 mo maitekong a UN 61/266, a gape a tlhomileng 2008 jaaka Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Dipuo.Kgopolo ya go keteka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la loleme lwa ga Mmè e ne e le maitlhomo a kwa lefatsheng la Bangladesh.
This article uses material from the Wikipedia Setswana article Letsatsi la Boditšhabatšhaba la loleme lwa ga Mmè, which is released under the Creative Commons Attribution-ShareAlike 3.0 license ("CC BY-SA 3.0"); additional terms may apply (view authors). Tshedimosetso e teng ka fa tlase ga CC BY-SA 4.0 ntle le fa go supilwe ka tsela e nngwe. Images, videos and audio are available under their respective licenses.
®Wikipedia is a registered trademark of the Wiki Foundation, Inc. Wiki Setswana (DUHOCTRUNGQUOC.VN) is an independent company and has no affiliation with Wiki Foundation.