Neo Masisi: Mohumagadi wa ga Tautona

Neo Jane Masisi o itseging gape ka leina la Mma Atsile ke mosadi wa ga tautona wa lefatshe la Botswana rre Mokgweetsi Masisi.

Neo Masisi
Neo Masisi: Botshelo jwa gagwe, Balelwapa, Tsa dithuto
First Lady of Botswana
Incumbent
Assumed office
1 April 2018
PresidentMokgweetsi Masisi
Pele Ga GagweBarbara Mogae (2008)
Ka Ga Ena
O tsetsweNeo Jane Masisi
1971 or 1972 (age 51–52)
Mo/BakapeloMokgweetsi Masisi
Bana1
TiroAccountant

Botshelo jwa gagwe

Neo Jane Masisi o tshotswe ka ngwaga wa 1971 kwa Francistown, ngwana wa ntlha mo go ba barataro ba ga Baruki le Irene Maswabi. Batsadi ba gagwe botlhe e ne e le dialogane tsa mmadikolo. O godile a bo a tsena sekolo kwa Gaborone kwa batsadi ba gagwe ba neng ba berekela teng.

Balelwapa

O ne a tsena mo nyalong e e boitshepo le Mokgweetsi Masisi ka ngwaga wa 2002. Ba segofaditswe ka ngwana wa mosetsana, Atsile Masisi.

Tsa dithuto

Masisi ke acountente. O ithutetse Diacounte ko Accountancy Training Centre ya Debswana Diamond Company kwa a neng a tsaya boloko jwa Chartered Institute of Management Accountants. Go tloga ka ngwaga wa 2001 to 2004 o ne a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa De Montfort University kwa England, kwa a ileng a tsaya digarata tsa MBA.

Tsa Pereko

Mo ngwageng wa 2019 Mohumagadi wa ga Tautona Neo Masisi o ne a nna mongwe wa batlhophiwa ba Fellow Chartered Management Accountant ke CIMA President Rre Steven Swientozielskyj mo Gaborone. Mo ngwageng wa 2004 a nna leloko la United Nations, a berekela kwa diofising tse dikgolo tse di okametseng UN kwa toropo kgolo ya New York le kwa United Nations Economic Commission for Africa kwa Addis Ababa. O ne a berekela gape UN kwa Central African Republic.

Mo ngwageng wa 2017 Masisi o ne a boela kwa New York go ya go bereka mo Umoja, eleng maranyane a Enterprise Resource Planning a a tla bon a dirisiwa ke makalana a United Nations lefatshe ka bophara.

O ne a tlogela go berekela lekalana la United Nations ka 2018 fa monna wa gagwe a nna Tautona wa lefatshe la Botswana.

Jaaka mohumagadi wa ga tautona tiro ya gagwe ke go tsenelela meletlo. Mohumagadi wa ga Tautona, Masisi o itebagantse le dikgang tse di amang bana le go ema basadi nokeng.


Ka ngwaga wa 2018 o ne a semolodisa semmuso lekgotla la Eseng mo Ngwaneng le le gasang molaetsa kgatlhanong le go dirisa bana botlhatswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le rotloediwa ke UNICEF.

Metswedi

Tags:

Neo Masisi Botshelo jwa gagweNeo Masisi BalelwapaNeo Masisi Tsa dithutoNeo Masisi Tsa PerekoNeo Masisi MetswediNeo MasisiBotswanaMokgweetsi Masisi

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

NamaPietermaritzburgSeburuThamagaTshenyo ya boimanaItseng KgomotsoMokgweetsi MasisiCape TownBantsho9 NgwanatseleKanyeSelemoThuto Isago TrustNelson MandelaPolotoJMookaneBolwetse jwa Mogare wa Khorona 2019MerogoMarapongThobalanoXBoipelo jwa Boipuso jwa lefatshe la BotswanaUgie, Kapa BotlhabaMoshupa5 NgwanatseleBukaShenzhenFatshe leno la ronaThabo MbekiWuhan17 NgwanatseleMidrandJapanSylvia MuzilaBuka ya ga MomoneEFinlandBatlokwaTunisiaItaliaBogosi jwa United KingdomQueen Elizabeth Mma Kgosi Ya Mosadi12 NgwanatseleZimbabweDijo15 NgwanatseleGoa (Botswana)DiphologoloMariama MamaneBojanala jwa lefatshe la BotswanaChinaElizabeth IIRre Abdul PatelMetlhale ya go tshela Le go fetoga ga seemo sa loapiNorth-South CarrierLLetsatsi la mafatshe fatshe la bannaBophuthatswanaMmadinareBlack Coffee (DJ)🡆 More