Tse Di Tlhokafalang Fa Simolola Thuo Kana O Ruile Dihutshane

Metsi a botlhokwa mo setsheding sengwe le sengwe.

Tse di tlhokafalang fa simolola thuo kana o ruile dihutshane

  • Metsi
  • Lefatshe
  • Tlhopho ya mohuta wa matsopa a dihutrshane
  • Madi
  • Babereki
  • Koloi
  • Mmaraka

Metsi

Morui wa dihutshane o tshwanetse go bona gore o na le motswedi o o ikanyegang go nosa dihutshane, jaaka Sedibakana letamo.Nku le pudi e e godileng e tlhoka metsi a selekanyo sa dilithara dile tharo go ya ko go tse borataro ka letsatsi.

Lefatshe

Fa o le morui yo o batlang go ruela mo polaseng, dihutshane tse di tona le tse di potlana tsa palo ya 200 di tlhoka lefatshe la diekere tse pedi tsa go fula le go jesiwa mo botlhaba jwa lefatshe leno, fa mo bophirirma ba lefatshe leno dihutshane di tlhoka diekere tse tharo. Tse o tla di dirisang go tshwara le go tlhomela dihutshane jaaka masaka, megotlha, tipi le mabolokelo morui o tlhoka lefatshe la diekere tse di sephato.

Tlhopho ya mohuta wa matsopa a dihutshane

Se se tla laolwa ke lefelo le o batlang go ruela mo go lone re lebeletse tsa loapi,lobaka e le gore matsopa mangwe a dihutshane jaaka Buruboko le a Dorper itsege ka go sa dire sentle mo dikgaolwaneng tsa Botlhaba jwa lefatshe la Botswana lebaka ele bolwetse jwa metsi a pelo.Kgakololo ke gore morui o ka simolola ka matsopa a rona a tholego mme a a tlhabolole ka matsopa a a tswang kwa ntle jaaka a Buruboko le Dorper.

Mmaraka

morui yo o simololang thuo, o tshwanetse a itse fa jaanong a simolola kgwebo, mme o tshwanetse a batla mebaraka koo a tla rekisetsang teng leruo la gagwe pele ga a ka simolola go rua.

Madi

Madi a botlhokwa mo go ka simolola thuo ya dihutshane. Go na le dikompone tse di ka adimang morui madi go simolola thuo jaaka Citizen Entrepreneural Development Agency (CEDA),National Development Bank Dibanka, le mananeo a banana ko lephateng la banana.

Babereki

Babereki ba botlhokwa mo go direng gore thuo e tswelele sentle.Motlhokomedi mogolo wa thuo ya gago o tshwanetse a bo a na le dithuto tsa go ka tlhokomela dihutshane le badisa ba ka nna babedi go mo thusa, babereki ba nakwana ba ka thapiwa fa fela tiro e oketsegile segolo jang ka nako ya letsalo la dihutshane.

Koloi

Koloi e botlhokwa mo thuong, go thusa go isa dihutshane ko mebarakeng le go reka tse di tlhokwang ke leruo jaaka melemo le dijo.Morui wa dihutshan=ne yo o mo kgwebong o tlhoka go simolola ka dihutshane dile makgolo a mabedi (200).Itse fa phoko kana phelefu e tlhoka tse di namagadi dile masome a mabedi le botlhano go ya ko masome a mararo.Morui o tlhoka gape tse a ka di dirisang mo tlhokomelong ya dihutshane tsa gagwe jaaka tse di latelang:

  • Mekoro e e jesetsang le go nosa lerui la gagwe
  • Badizo
  • Manyena
  • Tshipi e e kgaolang ditlhako le mehata
  • Thobolo e enosetsang dibokwana
  • Dimao le tse dingwe.

Tags:

Tse Di Tlhokafalang Fa Simolola Thuo Kana O Ruile Dihutshane Tse di tlhokafalang fa simolola thuo kana o ruile dihutshaneTse Di Tlhokafalang Fa Simolola Thuo Kana O Ruile Dihutshane

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

UBotswana Defence ForceMosadiRamotswaMokoswaneThobalanoChinaQueen Elizabeth Mma Kgosi Ya MosadiYWCentral DistrictQangwaSetsongaCentral Africa TimeKabelo MmonoMetsi le leswe la go tlosa leswe kwa MozambiqueBoereworsEnsaetlolopediaBloemfonteinIan Khama Seretse KhamaBadimoPietermaritzburgEShoshongCivil Aviation Authority of BotswanaMahikengTunisiaCatherine, Mohamagatsana wa kwa WalesKemedi ya lefatshe la Botswana kwa Washington, D.C.Young StunnaDaveytonKanyeShona FergusonPelonomi Venson-MoitoiFish KeitsengGautengDistrict MunicipalityCharles IIIBere, BotswanaMakapanstadRussiaThuto mo Aforika BorwaMain PageLesothoBogosi jwa United KingdomSedibaJohannesburgBechuanalandLetsile TebogoChengduSedirisiwa ebong Makoro🡆 More