temo-Thuo

TSE DI MO TENG

temo-Thuo
Dipudi

THUO YA DIHUTSHANE E E MADUO A A NAMETSANG

  1. MATSOPA A DIHUTSHANE
  2. TSE DI TLHOKAFALANG FA O SIMOLOLA THUO O RUILE DIHUTSHANE
  3. TLHOKOMELO YA DIHUTSHANE
  4. MEBARAKA YA DIHUTSHANE LE NAMA YA TSONE
  5. KETELO YA BARUI BA DIHUTSHANE
  6. TSHOBOKO



KAKGELO

Batswana itsholelo ya bone e ikaegile thata ke leruo.Dihutshane ke leruo le le botlana lele akaretsang dipudi le dinku le bontsi jwa barui go akaretsa le baba dikobo dikhutshwane ba le ruileng go kgona go ka itshetsa.Dihutshane di botlhokwa fela thata ka di thusa ka madi, nama, mashi, bobowa le matlalo go dira diaparo.
E re ntswa thuo ya dihutshane e tswa goo lowe, seemo sa yone ga se ise se tokafale mo lefatsheng leno,re lebeletse ntsifalo ya dihutshane le yone e boutsana mo marekisetsong, se se felelang se dira gore e nne tlhwatlhwa-kgolo mo marekisetsong. Mabaka a dirang gore thuo ya dihutshane e bo e sa gole mo go kgotsofatsang, ketlhokomelo e e lolea le mebaraka e e sa tlhomamang.
Gore thuo nngwe le nngwe e dire sentle go kgona go go busetsa dipoelo, tlhkomelo ke selo sa botlhokwa.Dihutshane fela jaaka leruo lengwe le lengwe le tshabelelwa ke malwetse a jaaka diphilo, madi, dibokwana, tlhakwana jalo jalo, mme fa morui a sa laole thuo ya gagwe e a koafala. Dihutshane ga di tlhoke metsi a mantsi, se se siametseng thata thuo e, gore e dire sentle mo lefatshe leno.Go na le dikotla kgotsa menontshane e mengwe e seng kalo mo phulong, jaaka matswai,(phosphorus,protein), mme dikotla tse, dihutshane di di tlhoka go ka tswelela di dira dipoelo, mme se se tlama morui gore a bone gore dikotla tse, di a di bona, ka go reka dijo tsa mooketsa.
Barui betsho, lephata la temo-thuo le rotloetsa thata kgwebo ya temo-thuo, e se fela go jela mo ganong, dihutshane fa morui a sena madi, o ka dirisatse a nang le tsone go tlhokomela tse dingwe le gone go bona gore o tlhopha matsopa a a ka mmusetsang dipoelo ka bonako. Taolo ya letsalo la dihutshane le yone e botlhokwa.Dihutshane di tshabelelwa ke go thorontshiwa ke dibatana, go di sireletsa mo dibataneng barui bangwe ba dirisa go disa le go di tlhatlhela mo masakeng bosigo.

KETAPELE

Bontsi jwa barui ba dihutshane ba ruetse mo mafulong a a kopanetsweng se se ba paledisang go ka tlhokomela dihutshane sentle.Dihutshane di mefuta e le meraro e bong letsopa la rona la Setswana, le le tlhakantsweng le a a tswang kwa ntle ga lefatshe la Botswana.Motho mongwe le mongwe o ka tsena mo thuong ya dihutshane,ka di sa tlhoke ditsompelo jaaka lefatshe,madi le babereki tse dintse go rua jaaka ya dikgomo. Sengwe se gape se le botlhokwa ka thuo e, e na le dipoelo tse di ko godimo ka di kgona go tsala ga bedi mo ngwageng ebile difula mehuta e farologanyeng ya ditlhatshana le majang, se se thusang gore di kgone go emelelana le dipaka tsa leuba.E re n tshwa dihutshane di sena mmaraka kana marekisetso a a thomameng mo Botswana, marekisetso a nama, goromente le batho ka bongwe ka bongwe ba santse ba tshegeditse thuo e.

MATSOPA A DIPUDI

  1. TSWANA
  2. KALAHARI RED
  3. BURUBOKO

Kalahari Red

temo-Thuo 
Pudi ya Kalahari red
  • Letsopa la pudi le le tlholegang ko Aforika Borwa.
  • Ke letsopa la nama.
  • Pudi ya Kalahari e kgona go tshela mo dipakeng tse di thata go na le dipudi tse dingwe, se se dirang gore e dire botoka gona le dipudi tse dingwe ke gore e kgona go itshireletsa mo mogoteng wa letsatsi gape mmala wa yone o dira gore e seka ya bonwa ke dibatana motlhofo.
  • E na le mosepele, go kgona go itshireletsa ga yone go e dirang gore e siamele seemo sengwe le sengwe.
  • Kalahari ke letsopa la pudi le le sa tshabelelweng ke malwetsi.

Buruboko

  • Letsopa la pudi le le tlholegang ko aforika borwa.
  • Ke letsopa la nama.
  • Buruboko e motlhofo go ka e rua, e tsaya nako e telele e fula go na le dipudi tse dingwe.
  • E na le mashi a mantsi, se se thusang mo go goleng ga potsane.
  • E kgona go tsala mawelana kana dipotsane dile tharo mo tlhokomelong e e siameng.
  • Buruboko e na le bokete jwa magareng ga 110-135kg.

Dorper

temo-Thuo 
Nku ya dorper
  • E ka dira sentle mo mafelong a a sekaka, tsidid le a a bokgola.
  • E na le letsalo le letelele
  • E kappa ka bonako, gangwe mo nakong ya letsalo. E kgona go tsala morago ga dikgwedi tse di robang bobedi. Mo tlhokomelong le phulo e e siameng.
  • Dorper e kgona go tsala dikonyana dile pedi, tse di golang ka bonako.
  • Bokete jwa 36kg bo ka fitlhelwa ke konyana e e dikgwedi dile tharo go ya ko tse nne. Se se ka dirang gore e ntshe bokete jwa nama ya 16kg, se se dirwa ke gore konyana e kgona go fula ka bonako.
  • E fula thata ditlhatshana tse di farologanyeng go na le majang.
  • Ga di tsamae thata go batla phulo, di tlhopha lefelo di bo di nna mo go lone go fula.
  • Di itse go thokomela dikonyana ebile ga di tshabelelwe ke dintsho.
  • Ga ntsi e ruelwa nama le matlalo.

Karakul

temo-Thuo 
Nku ya Karakul
  • Di kgona go emelelana le dipaka tse di thata.
  • Itshireletsa mo dibokwaneng le bolwetse jwa tlhakwana.
  • E re ntswa e dira sentle fa e jesiwa le go tlhokomelwa sentle, e kgona go tshela sentle mo seemo sa phulo se se ko tlase, se matsopa a dinku a mangwe a ka se kgoneng go tshela sentle.
  • E kgona go tsala le eseng ka nako ya letsalo, se se dirang gore e tsale gararo mo ngwageng tse pedi, e tsala konyana e ele nngwe, mme ga se gantsi e tsala mawelana.
  • Ke nku e e itsing go tlhokomela dikonyana, se se dirang gore dikonyana di tshele.
  • Di na le mogatle o mo bophara, o o mahura mantsi.
  • E tonanyana e na le bokete jwa magareng ga 175-225kg, fa ya e namagadi bokete jwa yone bo le magareng jwa 100-150kg.
  • Ga ntsi e ruelwa go ntsha bobowa, matlalo a dikonyana le nama.

Damara

temo-Thuo 
Nku ya damara
  • Ke nku e e nang le mogatla o o mahura.
  • Tse di namagadi di kgona go palangwa ngwaga otlhe, se se dirang gore e nne le le tsalo le ko godimo
  • E simolola letsalo e le dikgwedi di le lesome le botlhano.
  • Damara e itse go tlhokomela dikonyana, di tsamaya dile setlhopha mme dikonyana dile fagare se se dirang gore di di sireletse mo dibataneng.
  • Bokete jwa e e tonanyana fa e tsala ke 4kg, fa e namagadi e le 3kg, bokete jwa e tonanyana ya malatsi a le 100, ke 25kg fa e namagadi ya malatsi a le 100. ele 22kg.Bokete jwa damara e e godileng e tonanyana ke 60kg, fa ya namagadi e le 45kg.
  • Ga ntsi e ruelwa nama le matlalo.

Metswedi

Tags:

temo-Thuo THUO YA DIHUTSHANE E E MADUO A A NAMETSANGtemo-Thuo KAKGELOtemo-Thuo Metsweditemo-Thuo

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

ConcepciónLetlhôkô la metsi mo AferikaAforika BorwaCarrot cakeJapanDekarSeruleSeroweSatauKoranta ya MmegiSejeremaneElizabeth IIDijo tsa Setswana,BotswanaAferikaEdirneKgalagadi le dikgaolo tse di mabapiOvistonTumelo ya Islam mo BotswanaBasarwaKapa BokoneMotsana wa Lerala21 PhalaneSir Seretse KhamaNelspruitAfrikaansAustraliaMetsi mo AfrikaMpumalangaJeso KereseteCQZimbabweZutswaTlhaolele mo Aforika BorwaBolwetse jwa Mogare wa Khorona 2019DipaloRonald ReaganLobolaDiphologoloThobalanoMonnaMaKhalathiAmantle MontshoThuto Isago TrustXi'anTokyoTepo LoapiOmkar Prasad BaidyaMakulaTupac ShakurBarcelonaValenciaBogadi🡆 More