Letsile Tebogo

Letsile Tebogo o tshotswe ka 7 Seetebosigo 2003, ke motabogi wa Botswana.

KA GA ENE

Letsile Tebogo 
Letsile Tebogo (Botswana Athlete) Under 20.

O ne a gapa gauta ya dimetara di le 100 kwa 2021 World Athletics U20 Championships kwa Nairobi, a nna motabogi wa ntlha wa Botswana go gapa gauta mo motshamekong wa dimethara tse di le lekgolo (100) mo mabelong a mahatshe a World Championship.

Mo ngwageng o o latelang, kwa 2022 World Athletics U20 Championships kwa Cali, o ne a roba rekoto ya lefatshe ya U20 mo motshamekong wa dimetara di le 100. Gape ke mmampodi wa Afrika wa dimetara di le 200, morago ga go fenya dikgaisano tsa 2022 African Athletics Senior championships kwa Saint Pierre, Mauritius. O ne a fenya gauta malatsi a le matlhano fela, morago ga a digela dingwaga dile lesome le boferabongwe . Sekgele se, se mo dira ene mmotlana go gaisa botlhe, yo o gapileng dimetlele tsa gauta mo ditsong tsa kgaisano tse.

Erile ka Kgwedi ya Tlhakole a le lesome le borobabongwe 2022, Tebogo o ne a fenya seetsele sa lebelo la dimethara di le lekgolo (100 m), la dikgaisano tsa Botswana Athletic Association championship mo nakong ya metsotso e le lesome le disekente di le boferabobedi (10.08 seconds). O ne a tokafatsa maduo a mo kgweding tse pedi, a a isa ko nakong ya metsotso e le borabobongwe le di sekente tse masome a boferabongwe le bosupa (9.96 seconds), ko lebelong la Gaborone International meet, a dira rekoto e ncha ya under 20 world record. Ka ngwaga wa 2022, Phukwi a le lesome le botlhano, o ne a tswelela a tokafatsa maduo ko lebelong la World athletic championships a a neng a tshwaretswe ko Eugene, Oregon. O ne a taboga mo nakong ya mesotso e le boferabongwe le di sekente tse boferabongwe le bone (9.94 seconds). Kgwedi e e latelang, o ne a tokafatsa maduo a gagwe gape, a taboga mo nakong ya masome a boferabongwe le disekente tse masome a boferabongwe le bongwe (9.91 seconds), mo lebelong la 100m., la dikgaisano tsa World Athletics U20 Championships. Morago ga mabelo a, o ne a ipelela phenyo e, a itshwantshanya le mofenyi mogolo wa mabelo a lehatshe rre Usain Bolt.

REKOTE YA SECHABA

  • 100 metres: 9.91 (+0.8 m/s) ( Cali, 3 August 2022)

GAPE BONA

METSWEDI

Tags:

Letsile Tebogo KA GA ENELetsile Tebogo REKOTE YA SECHABALetsile Tebogo GAPE BONALetsile Tebogo METSWEDILetsile TebogoBotswanaen:2021 World Athletics U20 Championships

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

GaboronePhalaborwaWolfson StadiumStilfontein18 NgwanatseleMidrandTsao, BotswanaMonongMotse wa SemboyoKgolo ya NgwanaArtisiaPonatshego KedikilweEnsaetlolopediaKomanaBubiBarkly EastLekgotlana la Botswana Scouts AssociationMotse SelegaeHMiddle High GermanKgomo ya TswanaYunibesithi ya Aforika BorwaLukuluNetball Afrika BorwaBolwetse jwa mogare wa EbolaRhodes, Kapa BotlhabaDMakalamabediTokyoMotlobo wa dibukaJulius MalemaSetlhakoMexicoBokone BophirimaBlyvooruitzichtBeijingTsetsengSikwaneMorwaMotshamiki wa kgwele ya dinao Mpho MabogoSekolo sa Botswana-Harvard AIDSSemitwePhokengAferika BorwaLoei Province StadiumMadridSelebi-PhikweSetšhaba sa Tlhabololo sa Afrika BorwaDJ MaphorisaWikipediaKwaZulu-NatalRasesaAdradasMount FrereAEquatorial GuineaKoranta ya Mmegi🡆 More