Pelonomi Venson-Moitoi: Mopolotiki

Pelonomi Venson-Moitoi ke Motswana, mokwaladikgang gape le ke lepolotiki la pathi ya Botswana Democratic Party.

O ne a tlhophiwa go ya lekgotleng le legolo le le dirang melao ka ngwaga wa 1999 e le mongwe wa leloko le le kgetlhegileng go tlhophiwa gape a tlhophiwa mo ditlhophong tsa ngwaga wa 2004. Venson-Moitoi e ne e le tona wa mebereko, dipagamo le ditlhaeletsanyo go tsweng ka ngwaga wa 2001 go ya kwa go wa 2002 gape le tona wa dipapadi, madirelo, diphologolo le bojanala go tsweng ka ngwaga wa 2002 go ya kwa go 2004. O ne a tlhomiwa go nna tona wa ditlhaeletsanyo le maranyane kwa khuduthamageng ka ngwaga wa 2004. Mo khudutlhamageng ya ngwaga wa 2009, Venson-Moitoi o ne a tlhomiwa go nna tona wa ditlhaeletsanyo,maranyane le kakanyo. O ne a tla ka metlhale ya go tlhabolola itsholelo ya lefatshe ka tiriso ya Maranyane a ICT. Ebile o ne a akaretsa tiriso ya maranyane mo dithung tsa baithuto,mo e le nngwe tsela ya go tlhabolola maduo a bone.

Mme Venson o direla kwa lephateng la thuto e le tona wa lone.O ikemiseditse go thusa baithuti le barutabana ka tsotlhe dithuso tse ba ka di tlhokang. Pelonomi Venson-Moitoi o ne a tswa ka leano la go thusa baithuti ba dikolo tsa ithutelo tiro ka go ba duelela madi gore ba tsene dikolo kwa mafatsheng a sele, se e le tsele ya gore ba atswe maranyane le kitso tsa mafatshe a sele mme e re morago ba bowa ba kgone go tla go thusa lefatshe mo go tlhabologeng.

Tshoboko

Venson o diretse lefatshe la Botswana ka lobaka le le leele. Ke ka moo a nang le tirisanyo mmogo le maloko a palamente.Bopelotele jwa gagwe mo tirong bo thusa lefatshe go tswelela le tlhabologa. Botswerere jwa gagwe bo ka nna jwa felela bo dirile gore a felele a tlhophilwe go nna mothusa tautona wa lefatshe la Botswana.

Metswedi

Dikgoge tsa kwa ntle

Tags:

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Masepala ya ElundiniSetso le ngwao ya SetswanaOrkneyGo Tlhaola Batho ka BongI9 NgwanatseleWXakaoSe-dutch21 PhalaneCCape TownSamsung12 NgwanatseleAferikaODikgobeZimbabweSedibaBotswana TVForeistataLefelo la tshomarelo ya tlholego la MokolodiMetlhale ya go tshela Le go fetoga ga seemo sa loapiTshotlakako Mo Basading Le BanaPaco RabanneSomarelang TikologoFinlandGuangzhouMaele15 NgwanatseleSeburuJeso KereseteUSAMetsi mo AforikaOvistonDitšhaba Tse di KopanengMerwalela ya kgaolo ya Borwa jwa Aferika ka ngwaga wa 2010–2011Rre Abdul PatelBojanala jwa lefatshe la BotswanaDithamalakwaneIan Khama Seretse KhamaSefhareGeographic coordinate systemDebswanaMount FrereWiki FoundationMala MogoduMashi a lebeleThabo MbekiKgotla10 NgwanatseleKapei mo BotswanaKgomo ya TswanaMokgweetsi MasisiMariama MamaneMain PageThobalanoAugusta HenriquesSekalakaBoipelo jwa Boipuso jwa lefatshe la BotswanaKabelo DambeMidrandDr Ruth Segomotsi Mompati District MunicipalityBotswanaBatswanaSetsongaFora🡆 More