Botswana Defence Force

Botswana Defence Force ke lekgotla la sesole sa Botswana.

Karolo e e botlhokwa ke ya lephata le le berekelang mo lefatsheng (Ground Force) go na gape le karolo ya ba ba berekelang mo go tsa difofane (air wing) le lephata la metsi (riverine) le le dirisang dikepe tsa Panther di le lesome le tse pedi tsa Boston Whaler Raider Class.

Ditso

E rile fa lefatshe la Botswana le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966, la tsaya tshwetso ya go se ke le simolodise sesole mme la itebaganya le ditlhabololo le nyeletso lehuma, le ne la simolola lephata le le botlana la sepodise sa sesole ele tsela ya go sireletsa lefatshe. Mme e ne yare makgotla a tshireletso a mafatshe a Rhodesia le Aforika Borwa a sena go sutlhelela molelwane ka dingwaga tsa 1970, puso ya tsaya tshwetso ya gore lefatshe le tlhoka sesole go sireletsa moteledipele wa lone. BDF e simolotswe ke puso ka ngwaga wa 1977, Moranang a le malatsi a le lesome le botlhano.


Sesole sa Botswana se ne sa simolola go disa molelwane wa Rhodesia ka dingwaga tsa fa ntwa ya Rhodesia le batho basweu e ya bokhutlong. E ne ya re ntwa e e fela lefatshe la Zimbabwe le tsaya boipuso, sesole se sa simolola go tlhoma leitlho lefatshe la Aforika Borwa. Ditlhopha tse di kgatlhanong le tlhaolele di ne di tshabela mo lefatsheng la Botswana, mme se sa baka go sutlhelela molelwane ga kgapetsakgapetsa ga sesole sa Aforika Borwa. Go tlhasela diofisi tsa Umkhonto we Sizwe kwa Gaborone ngwaga wa 1985 Seetebogiso a le malatsi a le lesome le bone, go ne ga tsisa diphetogo. Sesole sa Botswana se ne sa nna mo kgatelelong ya go emisa tlhaselo e, mme sa retelelwa ke go hula masole a Aforika Borwa. Sesole sa Botswana se ne sa tswala ditsela sa bo sa iletsa mesepele e le tsela ya go thibela ditlhaselo tse.


Morago ga phetogo ya tsa sepolotiki kwa Aforika Borwa le mo kgaolong, sesole sa Botswana se ne sa itebaganya le go thibela bogodu jwa diphologolo, go ipaakanyetsa le go thibela go tlhagoga ga matlhotlhapelo, (go akaretsa go batla le go golola ba ba amegileng), le go ema nokeng baeteledipele ba lefatshe le go tsisa kagiso gareng ga lefatshe la Botswana le a mangwe. Ka jaana e ne ele lekgotla le le ne le tshephiwa ke baeteledipele ba sepolotiki, ditiro tsa sesole sa Botswana di ne tsa oketsega go akaretsa tse di sa tlwaelesegang jaaka go tsibogela matlhotlhapelo le go nonotsha sepodise ka malatsi a boitapoloso le a borukutlhi bo yang ko godimo ka one. Go dira tiro ka botswapelo le go atlega mo ditirong tse puso e di neelang sesole, go ne ga baka go imetsa sesole tiro mo go eme nokeng baeteledipele. Ka ngwaga wa 2015, sesole sa Botswana se na sa fira e le lantlha masole a basadi a ma private.

Dithomo tsa mo gae

Ka ngwaga wa 1995, sesole sa Botswana se ne sa diragatsa thomo ya go namola batho mo merwaleleng e e neng ya ama mafelo ka bontsi mo lefatsheng. Ngwaga o o latelang, ba ne ba romela masole le didirisiwa kwa Sua Pan ka lenaneo la go boloka Sua (Operation save Sua) go itsa go phutlhama ga lebotana la Botswana Ash Plant le le neng le gomagomediwa ke go phutlhamisiwa ke merwalela. Masole a ne a baya dikgetsi tsa motlhaba di le dikete tse di masome a ferabongwe, le dithaere di le dikete tse di lesome le bobedi kwa thomong eo. Ka nako ya merwalela e tlhasela motse wa Ramotswa le metsana e e mabapi ka Tlhakole ngwaga wa 2006, ditlhopha tsa sesole sa Botswana di ne tsa golola le go boloka matshelo a batho a le makgolokgolo. Ka ngwaga wa 2009, sesole sa Botswana se na sa isa dithuso kwa sechabeng sa Kasane se se neng se tlhasetswe ke merwalela.


Sesole sa Botswana se tsaya karolo gape mo lenaneong la go sireletsa diphologolo le go thibela bogodu jwa diphologo. Masole a Botswana a neetswe tetla ya go hula le go bolaya magodu a diphologo, ba nnile le dintwa tsa go hulana le magodu a diphologo a a neng a tshotse ditlhobolo. Magodu a diphologolo ka bontsi a bolailwe fa bangwe ba tshwerwe mo dithomong tse tsa sesole. Ka ngwaga wa 2020, lesole ga mmogo le legodu la diphologo le ne la bolawa kwa Moremi Game Reserve fa masole ba ne ba hulana le magodu.

Dithomo tsa go tsisa kagiso fa gare ga Botswana le mafatshefatshe

Setlhopha sa sesole sa United Nations Operations in Somalia II (UNOSOM II) se ne sa neelwa marapo a go tsaya karolo mo letsomong la go tsosolosa kagiso le la Somalia ka nako ya ntwa kwa Somali ka ngwaga wa 1992 go ema ka 1993, le wa 1993 go ema ka 1995. Se se ne se dirwa ka tirisano mmogo le le sesole se se neng se eteletswe pele ke lefatshe la Amerika.



Ka ngwaga wa 1993 ditlhopha tsa masole (United Nations Operation in Mozambique - ONUMOZ) a Botswana di ne tsaya karolo mo letsomong la go busetsa kagiso mo mannong la ba United Nations kwa Mozambique.


Setlhopha sa masole a Botswana sa United Nations Assistance Mission for Rwanda (UNAMIR II) se ne sa tsaya karolo ka go nna baela ditlhoko mo letsomong la go busetsa kagiso kwa Rwanda ka ngwaga wa 1993 go ema ka 1994.


Mo letsomong la Southern African Development Community intervention in Lesotho (Operation Boleas) sesole sa Botswana se ne sa tsaya karolo ka ngwaga wa 1998 go ema ka 1999. Maitlamo a letsholo le e ne ele go ritibatsa dikgogakgogano kwa Lesotho. Lefatshe la Botswana le ne la busetsa sesole sa lone mono gae fa seemo se sena go ritibala, se sa tlhole se ba tlhoka.


Ka Kgwedi ya Phukwi, ngwaga wa 2021, lefatshe la Botswana le ne la romela masole kwa Mozambique go nna bontlha bongwe jwa letsholo la sesole sa Southern African Development Community (SADC) go ema nokeng lefatshe la Mozambique mo go emiseng matshosetsi a ditsoolodi kwa kgaolong ya Cabo Delgado. Letsholo le la bidiwa Southern African Development Community Mission in Mozambique (SAMIM).


Dithomo tse di potlana - Sesole sa Botswana se ne gape sa romelwa go tsisa kagiso kwa Somalia le kwa Darfur kwa Sudan. Se rometse gape badiri go bereka le ba African Union kwa Ethiopia le Eritrea, mme le na le balebeledi kwa Darfur le Sudan le ba UNAMID.

Thulaganyo

Sesole sa Botswana sa ditiragalo tsa fa fatshe le agailwe ka mekgatlho e e latelang:

  • Setlhopha sa under-strength armored brigade se le sengwe
  • Ditlhopha tsa light infantry di le pedi
  • Setlhopha sa artillery brigade
  • Setlhopha sa under-strength air defense se le sengwe
  • Kompone ya bo engeneere e le nngwe
  • Kompone ya signals e le nngwe
  • Setlhopha sa logistics se le senngwe

Balaodi le sekolo sa badiri se kwa Glenn Valley.

Dithuto le katiso ya sesole

Go katisiwa ga babereki ba mo diofising go tsaya sebaka sa dikgwedi di le lesome le bobedi kwa sekolong sa Paje Officer Academy. Dithuto di akaretsa tsa motheo le tsa boeteledipele. Moikopeditiro o tshanetse gore a bo a na le thuto ya bachelor's degree.

Madi a dithuso tsa dithuto le bokatisi jwa sesole go tswa kwa Amerika di botlhokwa mo lenaneong la go katisa badiri mo Botswana. Badiri ba Botswana ba feta masome a matlhano ba amogela bokatisi jwa sesole kwa Amerika ngwaga le ngwaga, ka ngwaga wa 1999, go bolelwa fa badiredi ba sesole ba ka nna diperesente di le masome a ferabobedi le botlhano ba katisitswe ka lenaneo le.

Mafelo a ithutintsho - mafelo a go rutelwang kwa go one mo sesoleng sa Botswana a akaretsa Military College, Defence Command and Staff College, Sekolo se se rutelang go kgweetsa difofane (Flying Training School), Technical Training School, Peace Support Training Centre, All Arms Battle School le Joint Technical Training School.

Metswedi

Tags:

Botswana Defence Force DitsoBotswana Defence Force Dithomo tsa mo gaeBotswana Defence Force Dithomo tsa go tsisa kagiso fa gare ga Botswana le mafatshefatsheBotswana Defence Force ThulaganyoBotswana Defence Force Dithuto le katiso ya sesoleBotswana Defence Force MetswediBotswana Defence ForceBotswanaen:Botswana Defence Forceen:Botswana Ground Force

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Bogosi jwa United KingdomDikgaisano tsa metshameko ya 2010 COSAFA U-20 CupBubiDavid TlaleDikgaolo tsa Aforika BorwaDianeLeotoSojweYunibesithi ya Aforika BorwaElizabeth IIHerschel, Kapa Botlhaba15 NgwanatseleEdenvaleMonwaneCarrot cakeDumplingKwaZulu-NatalMogoditshaneSterkspruitBeijingUttaradit Province StadiumMadridKweneng DistrictKgomo ya TswanaBotswanaDPolotoXakao9 NgwanatseleDurbanSepakoThuto Isago TrustWolfson StadiumNgwanaIan KhamaFeshenePandamatengaOmkar Prasad Baidya1 NgwanatseleMaranya a KakanyoSekgowaBekkersdalBolengJulius MalemaTirelo ya Dipuo tsa BosetšhabaCEnsaetlolopediaKyotoJack Hill(motshameki wa kgwele ya dinao wa Canada)13 Ngwanatsele6 NgwanatseleRecyclingPUbhontshisiJohannesburgMalatswai🡆 More