Ntebogang Ratshosa

Ntebogang Ratshosa (1882 - 1979) e ne e le motshwareledi wa bogosi jwa BaNgwaketse, nngwe ya merafe ee borobabobedi ya Botswana go tswa 1924-1928.

Ntebogang Ratshosa
Tsalo1882
Leso1979
Ke moBotswana
TiroRegent of BaNgwaketse
Dingwaga tsa a le mo tirong1924–8
LephataNative Advisory Council

Ntebogang Ratshosa

One ele mosadi wa ntlha go nna leloko la Native Advisory Council of Botswana.

Ka ga gagwe

Ntebogang o tsetswe ka 1882. Batsadi ba gagwe ene e le Gagoangwe le Bathoen wa ntlha. Batsadi ba gagwe ba ne ba thoba mmogo ka 1975, ba ya go nyalana mosekereseteng ka 1890. O godisitswe mo sekereseteng. O ne a tsenye sekole. Mongwe wa bo morwa rraagwe e ne ele Kgosi Seepapitso wa bobedi yo o neng a bolawa ke morwa rraabo ebong Moepapitso ka 1916. Mmaabone ebong Gagoangwe a laola gore Moepapitso a bolawe, mme ya nna ene motshwarelela bogosi ka Seepapitso wa bobedi one a sale mmotlana.

Botshwareledi

ka ngwaga wa 1923, Gaogangwe, yo a neng a setse a itseelwa ke bolwetse kwa kankere, o ile a nna motshwareledi ka maikaelelo a go somarela bogosi kwa ngwana wa ngwana wa gagwe Bathoeng wa bobedi. O ile a tlhokafala mo go yone ngwaga yeo, mme pele ga a tlhokafala, o ne a tlhomamisitse gore Bogosi jwa ga Bathoeng wa bobedi bo tlaa tswelela ka fa tlase ga tlhokomelo ya ga mmangwanaagwe eleng Ntebogang Ratshosa. Batshwareledi ba ne ba lemogiwa mo dotlhopheng tse di farologaneng mo Botswana. Se se tsisitse thitibalo mo nageng mo dingwageng di supa. Ntebogang o ile a tlhoma khansele ya baeteledipele bale barataro Mme o ne a bereka thata le ale mogwe Kgamphu Kamodi. Botshwareledi jwa gagwe le Mme mmaagwe bobne boblemogiwa semmuso ke ba ga Mmamosadinyana ka ba ne ba dumela fa e tlaa rotloetsa kgatlhego ya ga Mmamosadinyana mo nageng.

Metswedi

Tags:

Ntebogang Ratshosa Ntebogang Ratshosa Ka ga gagweNtebogang Ratshosa BotshwarelediNtebogang Ratshosa MetswediNtebogang RatshosaBotswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

TaiwanSedibaNamibiaRose MukankomejeMaria BashirNokanengPigazzanoÁgredaShakawePorridgeBatho ba letso la SetswanaMount FrerePuiso-BathoTshotlakako Mo Basading Le BanaLenyaloGumareLesothoBetheleHunhukweArancónOntse NtesaSekgowaKapei mo BotswanaNorth WestMakopongEnoch SontongaKumakwaneKanyeBeetshaMotse wa MokubiloBasupi ba ga JehofaWikipedia Zero (Setswana)KopongLamisi (moopedi)SomalilandSTumelo ya Islam mo BotswanaBotswanaWiki Foundation🡆 More