Gumare

Gumare kgotsa Gomare ke motsana o o bonwang kwa kgaolong ya Bokone-bophirima jwa Botswana, gaufi le makgobokgobo a Okavango Palo ya batho ba Gumare e ne e le makgolokgolo a a borataro, masome a borataro le bosupa mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.

Lokeisane la Gumare mo Botswana
Lokeisane la Gumare mo Botswana

Popego ya lefatshe le Diruiwa tsa tlholego

Okavango ke ene fela wa bontlhabongwe kwa go nang le diphologolo le ditlhare mo Kalahari# Okavango o ikaegile fa lefelong le le sa siamang fa lefatshe le , tshikinyegelang teng le thoromo ya lefatshe# Go tswa fa, phetlogo ya popego ya lefatshe e nna e fetloga gape e sa tshepege# Go nale komelelo ya lefatshe, makgobokgobo, metswedi, lekadiba, bojang mo lefatsheng, bodiba gape le ditlhake tse di sa balegeng tsa selekanyo se se sa tshwaneng le popego e e pharologanyo#

Merafe ya Okavango

Merafe e e tumileng mo kgaolwaneng e ke ya Batawana, Bayeyi, Baherero gape le Bahambukushu, le Basubiya# Gape go nale Banoka #noka ##Basarwa|Basarwa###, baagi tota ba Okavango, gape le Bakgalagadi le Baherero# Bontsi jwa ditlhopa tse di agile fa tlhoko ga noka, e ba e dirisang go tshwara ditlhapi gape le go nosetsa diruiwa tsa bone# Ba lema mo dibateng tsa merwalela,mmidi le mabele#

Go dira madi mo Okavango

Nngwe ya dilo tse di ba thusang ka go dira madi ke bojanala #le fa dikompone tse e le tsa batswa kwa#, thuo ya diruiwa, go loga ditlotwana gape le madirelo a a potlana, le temo-thuo# Kgaolwana ya Okavango ke legae thata ka palo ya batho e e itebagantseng le temo-thuo gore ba kgone go itshelela# Ka ngwaga wa 1975 khutlola ya United Nations Development e ne ya thusa batho mo Gumare le Etsha go godisa botswerere jwa go loga ditlatlana gore di kgone go rekisiwa kwa mafatsheng a mangwe# Ditlatlana le tse dingwe tse dinnye, dipetlo tsa maemo di ne tsa isiwa kwa Gaborone gape tsa isiwa kwa United States le Europa go rekisiwa#

Jaaka dikgaolo tse dingwe mo Botswana, Okavango o lebaganwe ke kgwetlho ya kanamo ya mogare wa HIV/AIDS mo bathong#

Dipadi tse dingwe

Tags:

Gumare Popego ya lefatshe le Diruiwa tsa tlholegoGumare Merafe ya OkavangoGumare Go dira madi mo OkavangoGumare Dipadi tse dingweGumareBotswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

SenyesemaneDumplingKLobatseSedibaDiphologoloKapa BophirimaLesakaChileLetamo la LetsibogoSumaiyah MaropeBotswanaWashington, D.C.Fatshe leno la ronaMaunLerapoForaMminoMetsi mo AforikaFochvilleChengduMmidi/MmopoBotswana Defence ForceAlmajanoKaudwaneKhudutlhamaga ya BotswanaCape TownMaeleOOmkar Prasad BaidyaTlhaelo ya metsi mo AforikaHenley on KlipMmasekgoa Masire-MwambaMotlakaseSepatelaLewis HamiltonKereke ya SionMonnaPulaLucas Manyane MangopeFItaliaDomboloKing MonadaThadiso ya kharikhulamoSedirisiwa ebong MakoroSespanSerongaRio de JaneiroMMookanePhetogo ya seemo sa loapi mo AforikaHukuntsiRamotswaSesothoTurkeyMabalane, BotswanaPrince PhilipAlexandra Korry🡆 More