Mr Jazziq: Moopedi le modiri wa mmino wa Aforika Borwa

Tumelo Manyoni yo o itsegeng ka leina la gagwe la boopedi Mr JazziQ, ke DJ wa Amapiano wa lefatshe la Afrika Borwa gape ke motsamaisi wa direkoto.

O itsege botoka ka go nna mo leloko le a neng a le mo go lone pele la setlhopha sa di DJ tsa amapiano, JazziDisciples.

Mr JazziQ
Leina la MatsaloTumelo Manyoni
TsaloAlexandra, Gauteng, South Africa
LetsoSouth Africa
Mefota
Ditiro
  • Modiri wa di pina
  • DJ
DidirisiwaPiano, keyboard, Mafoko
Dingwaga tsa a le mo boopeding2018–gofitha gompieno
LabelsBlack Is Brown ENT
Formerly ofJazziDisciples

Botshelo jwa gagwe jwa pele le thuto

Mr JazziQ o tsholetswe kwa Alexandra gape o goletse teng a nna le mmaagwemogolo fa batsadi ba gagwe ba ne ba nna kwa bokone jwa Johannesburg. O ne a tsena Sekolo se Segolo sa Highlands North Boys mme gape o ne a tsena Crawford Sandton mme moragonyana a ya go tsena kwa Mpura Mpura a neng a tsena sekolo teng.

Tiro

O simolotse tiro ya gagwe ya bo DJ a le dingwaga di le lesome le bone mme a simolola go dira dipina a nale le dingwaga tse di lesome le borataro. O simolotse go dira mefuta e e farologaneng ya mmino kgotsa dipina pele ga a dira mmogo le Josiah, yo a neng a dira amapiano pele ga kgolagano ya bone.

Ka Mopitlo 2020, o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya ntlha ya 0303. Alebamo e, e ne e na le dipina tse di e ke metseng ka nosi jaaka "Askies", "Blue Skies" le "Hello MoʹGirl". Pina ya gagwe ya "Askies" e e neng e na le moopedi Moonchild Sanelly le Fake Love e ne ya fiwa gauta ke RiSA. Ka Phatwe 2020, o ne a ntsha EP ya gagwe ya ntlha ya “For The Babies" e e neng e na le baopedi; Kamo Mphela, Lady Du le Londie London. Ka Ngwanatsele 2020, o ne a ntsha alebamo ya “Maba Jabulń Abantu", e e neng e le tirisanommogo ya gagwe le Busta 929 mme e na le diopedi tse di tshwanang le Reece Madlisa, Zuma, Mpura, Riky Rick le 9umber. Ka Ngwanatsele 2020, o ne a tlhagelela mo alebamong ya ga Busiswa ya My Side of The Story mo pineng ya "Makazi". Ka Sedimonthole 2020, o ne a ntsha pina ya "Umsebenzi Wethu".

O kile a tshameka mo thulaganyong ya thelebishene ya mmino ya Channel O, Lockdown House Party le mo karolong ya bofelo ya Idols South Africa Yabo 16.

Ka Ngwanatsele 5, 2021, o ne a ntsha pina ya "Amaneighbour" e e naleng Killer Kau, Reece Madlisa, Zuma le ThackzinDJ. E ne ya fitlhelela #7 mo seromamoweng sa Good Hope FM gape ya fitlhelela #10 mo dipuong tsa House. Morago nyana o ne a ntsha pina ya "Woza" e e neng e na le Lady Du, Boohle le Kabza De Small, mme gape e ne a tlhagelela mo pineng ya ga Felo Le Tee ya "Nje Nje" mmogo le Reece Madlisa, Zuma, Mpura le Kabza De small.

Ka 23 Moranang 2021, o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya Party With The English. Rre JazziQ o ne a tlhagelela mo tlhotlheletso ya alebamo:

"Eno ke maitlhomo a me a ntlha a boditšhabatšhaba, le fa ke ntse ke dira mmino sebaka sa dingwaga di le mmalwa . Ke itumetse thata go itsise lefatshe lotlhe tiro ya me. Mofuta ono o a gola, mme ke batla go o isa kwa mafelong a go bina go ralala lefatshe".

Ka September 4, 2021, o ne a diragatsa ka tlhamalalo kwa AmaFest Tour kwa UK mmogo le baopedi ba bangwe Focalistic, Cassper Nyovest, DBN Gogo le Kamo Mphela.

Dimpho

Ngwaga Tiro ya Dimpho Mpho Maduo
2021 Dimpho tsa moopelo mo Aforika Modiri wa dipina wa ngwaga Othopilwe
2021 Dimpho tsa baopedi ba Amapiano mo Aforika Borwa Monna o botoka wa Amapiano DJ/Modiragatsi Othopilwe
Modiragatsi wa Monna o botoka ka Amapiano Phenyo
Kgolagano e botoka ya Amapiano Phenyo
Dimpho Tshotlhe Tsa Moopelo Mo Africa Modiragatsi o botoka wa monna kwa borwa jwa Aforika Othopilwe
Dimpho tsa African Muzik Magazine Modiri wa dipina wa ngwaga Othopilwe

Metswedi

Tags:

Mr Jazziq Botshelo jwa gagwe jwa pele le thutoMr Jazziq TiroMr Jazziq DimphoMr Jazziq MetswediMr JazziqAmapiano

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Tshotlakako Mo Basading Le BanaMetsi mo AfrikaWn/tnPrince PhilipSesothoChinaShoesBatho basweuBolwetse jwa Mogare wa Khorona 2019Sasa Klaas16 NgwanatseleMatshwenyegongTladistadMoleloBagodiKgaolo ya ChobeKapa BophirimaWikipedia Zero (Setswana)Sekole se segolwane sa FrancistownKgomo ya TswanaBokone BophirimaNoka ya MosetseHJerry StalcupCharles Segal (motshameki wa piano)Go lepalepana le seemo sa phetogo ya loapiWikipediaNoka ya RamokgwebanaAforika BorwaOrlando Pirates F.C.GakgatlaPhaneTumalano ya pele ga lenyaloBasupi ba ga JehofaCuritibaMetlhale ya go tshela Le go fetoga ga seemo sa loapiNeo MasisiDonald MolosiMonwanePuiso-BathoTurkeyHoedspruitSeburuAferika BorwaSowetoMminoItaliaSegajaja sa Covid-19 mo BotswanaWolmaransstadMerogoBantshoSetlhopha sa MatsiengBeratónTzaneenEstian Calitz🡆 More