Amapiano: Mmino o dirilwe mo Aforika Borwa

Amapiano ke lefoko la seXhosa le le rayang Piano, Amapiano ke mofuta wa mmino wa house o o simolotseng ko Aforika Borwa ka ngwaga ya 2012.

Ke motswako wa mmino wa deep house, jazz, mme tota le mmino wa lounge o o kopantsitsweng ka mekhgwa e entle. E farologanngwa ka melodi ya piano ya modumo o leng kwa godimo, le di tshipi tsa mmino wa kwaito, mme gape e farologanngwa ke modumo o wa kwa tlase wa mmino wa house wa di ngwaga tsa bo 90s ko lefatsheng la Aforika Borwa, le meropa e e tswang mo mofuteng o mongwe wa selegae o o itsegeng jaaka Bacardi.

Le fa mofuta o no wa mmino o simolotse ka go tuma thata kwa Katlehong, toropo e e kwa botlhaba jwa Johannesburg, go na le go sa tlhaloganyesege le kganetsano e ntsi mabapi le tshimologo ya one, go nale mefuta ya mmino e farologaneng mo ditoropong tsa Johannesburg, Soweto, Alexandra, Vosloorus le Katlehong. Ka ntlha ya go tshwana ga mofuta ono le Bacardi, batho bangwe ba re mofuta ono o simolotse kwa Pretoria. Dipego tse di farologaneng tsa gore ke mang yo o bopileng mofuta wa mmino o di dira gore go nne thata gore go itsewe gore o tlhamilwe ke mang.

Karolo e e botlhokwa ya mofuta ono ke tiriso ya "log drum", tlhamego e go tweng e dirilwe ke Mdu aka TRP. Kabza De Small yo e neng e le mmulatsela wa Amapiano o ne a re:

Ga ke itse se se diragetseng. Ga ke itse gore o lemogile jang log drum. Mmino wa Amapiano ga o bolo go nna teng, mme ke ene yo o tlhamileng modumo wa log drum. Basimane ba ba rata go lekeletsa. Ba nna ba tlhatlhoba di-plug-in tse disha. Ka jaalo fa Mdu a lemoga seno, o ne a taboga le sone.

Badiragatsi le diDJ

Ga o batla go bona palo ya badiri ba mmino wa amapiano, baopedi le diDJ bona baopedi ba amapiano.

GoTuma

Ka ngwaga wa 2019, mofuta wa mmino wa amapiano o ne wa tuma lefatshe ka bophara mo Aforika e ne ya nna mmino o rediwang thata ko Borwa jwa Aforika.

Metswedi

Tags:

Amapiano TshimologoAmapiano Badiragatsi le diDJAmapiano GoTumaAmapiano MetswediAmapianoAforika BorwaSethosa

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

TurkeyRussiaPhatlalatso ya metsi le kgopo leswe mo Aforika BorwaSetlhakoLesakaDiana, Kgosi ya WalesApolePhetogo ya seemo sa loapi mo AforikaSekgowaEG4 NgwanatseleTokyoRay FarquharsonBatho bantshoWashington, D.C.SegwapaRustenburgLetamo la LetsibogoBotswanaPostBatho basweuTlhaelo ya metsi mo AforikaDuke wa YorkZimbabwe6 NgwanatseleDuma BokoMaeleTladistadBotswana pulaHenley on Klip14 NgwanatseleQueen Elizabeth Mma Kgosi Ya MosadiItaliaMmidi/MmopoDikgaolo tsa Aforika BorwaDiprofense tsa Aforika BorwaFrancistownDomboloCivil Aviation Authority of Botswana8 NgwanatseleMexicoGillian GuzmanKodibelengNeo MasisiMotse wa KauxwhiDiphologoloKapa BokonePSeburuLetsile TebogoRSegokgoNagoyaAustralia🡆 More