Freedom Of Religion In Botswana

Molao motheo o fa kgololesego ya tumelo go nale dikganelo dingwe.

Dipalopalo tsa batho ba bodumedi

Go ya ka palo ya batho ya ngwaga wa 2011, 79% ya batho ke maloko a dikereke tsa sekeresete, 15% ba sa latele tumelo, 4% ba latela tumelo ya Badimo fa 2% e latela ditumelo tse dingwe.

Seemo sa kgololesego ya tumelo

Thulaganyo ya Molao le Melawana

Molaomotheo o fa kgololesego ya tumelo. Ga gona bodumedi ja puso. Le fa go tlwaelesegile gore mo bokopanong jwa ga goromente go simololwa ka thapelo, maloko a ditumelo tse dingwe ga a tswalelwa go ka etelela ka dithapelo tse eseng tsa sekeresete ko meletlong e ntseng jalo. Molamotheo o fa gape tshireletso ya ditshwanelo le kgololesego ya batho ba bangwe go akeretsa le tshwanelo ya go ka tlhokomela le go diragatsa tumelo epe fela ntle le go kgaupediwa ke maloko a ditumelo tse dingwe.

Makgotla otlhe go akaretsa le mekgatlho ya dikereke a tshwanetse go ikwadisa le goromente. Ga gona dipoelo dipe tsa semolao mo makgotleng a a ikwadisitseng le ntswa lekgotla le tshwanetse go ikwadisa pele le ka simolola ditiro tsa lone, la saena dikonteraka kgotsa go bula akhaonto le banka. Ope motho yo o tshwereng maemo ka fa molaong a tsamaisa kgotsa a thusa bogogi ja lekgotla le le sa kwadisang o lebaganwe ke tuelo ya madi a kanang ka di dolara dile masome a supa le boferabongwe($79) (sekete sa dipula) le kgotsa dingwaga tse supa mo kgolegelong. Leloko lepe la lekgotla le le sa kwadiswang o lebanwe ke dikotlhao di akaretsa tuelo ya go tshwara di dilara di le masome a mararo le boferabongwe($39) (makgolo a matlhano a dipula) le kgotsa go fitlha go dingwaga tse tharo kwa kgolegelong.

Thuto ya tsa tumelo ke karolo e e itlhophelwang mo lenaneong la dithuo mo dikolong tsa ga goromente; e gatella Sekeresete mme e buisa le ditumelo tse dingwe tse di mo lefatsheng.

Ka ngwaga wa 2007, malatsi a boikhutso go ne go lemogiwa fela a Bakeresete ele a setshaba. Malatsia a akaretsa Labotlhano yo molemo, Easter Monday, Tlhatlogo ya Morena le letsatsi la keresemose. Maloko a mangwe a ditumelo tse dingwe ane a letlelelwa go keteka malatsi a bone a tumelo ntle le tsenelelo ya ga goromente.

Dithibelo mo kgololesegong ya tumelo

Ka 2003, lefatshe le ne la fiwa bone mo bone mo go tsa kgololesego ya tumelo; ditlhopha tsotlhe tsa tumelo di tshwanetse tsa kwadisiwa le goromente.

Go ne go sena dipego dipe tsa magolegwa a tumelo kgotsa ba ba tshwerweng mo lefatsheng ka ngwaga wa 2022.

Metswedi

  • United States Bureau of Democracy, Human Rights and Labor. Botswana: International Religious Freedom Report 2007. This article incorporates text from this source, which is in the public domain

Tags:

Freedom Of Religion In Botswana Dipalopalo tsa batho ba bodumediFreedom Of Religion In Botswana Seemo sa kgololesego ya tumeloFreedom Of Religion In Botswana MetswediFreedom Of Religion In Botswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

SeforaPTshotlakako Mo Basading Le BanaDavid TlaleCentral DistrictKimberleyNgwao ya BotswanaXMain PageYunibesithi ya Aforika BorwaLobolaDiprofense tsa Aforika BorwaMakundaEnsaetlolopedia16 NgwanatseleNtebogang RatshosaBhishoBoitumeloBangwatoFesheneMookaneTlhaolele mo Aforika BorwaKgomo ya TswanaBukaGeorge VIMosadiKemedi ya lefatshe la Botswana kwa Washington, D.C.Metshameko ya Mothuba LobeloIkogaSorilatholoSethosaRamotswaGeographic coordinate systemBatho ba letso la SetswanaKMompati Sebogodi MerafheMainakgobokaMalotiPrince PhilipNelson MandelaRuth Williams KhamaSeretse Khama5 NgwanatselePoso ya BotswanaWww.gmailNKasaneMopheteBob Young (motshameki yo o tlhaselang)JYoung StunnaForaAfrican UniontecatMakopong🡆 More