Poso Ya Botswana

Poso ya Botswana ke kompone ee itebagantseng le go romela dikwalo mo Botswana.

Ke kompone ee laolwang ke lefatshe,tota ya puso ya Botswana, ee direlang ka fa tlase ga lephata la tsa dipuisano le maranyane.

Ditso

Poso ya Botswana e simolotse morago ka ngwaga wa 1875,fa lekgotlana la London Missionary Society le ne le simolola go dira. Morago, bobedi jwa “batabogi” ba ne ba rwala makwalo gare ga mafelo a mabedi go tsweng Bulawayo yo a bitswang gompieno Zimbabwe, go ya Mafikeng, yo a bitswang gompieno Aforika Borwa. Morago, fa seporo se sena go agiwa, terena ya emisetsa batabogi. Ka ngwaga wa bo 1990 lephata la Dikwalo le ne la ithekela dikoloi tsa bone tse di bofefo go rwala dikwalo le ngata ya dithoto. Lephata la Poso le le simolodisitsweng ke barongwa ka lobaka lwa dingwaga tse di lekgolo le simologile mo Bechuanaland Protectorate Postal Services. Fa Botswana a tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966, le ne la itshwaya ka lena la Lephata la Poso le megala. Mo nakong eo dithuso tse di neng di fiwa e ne e le tsa go baya madi mo bankeng.

Ka ngwaga wa 1980, Botswana Telecommunications Corporation e ne ya ikemela ka nosi. Ngwaga tse pedi moragonyana, banka ya Botswana Savings e ne ya ikemela ka nosi le yone. Labofelo Poso ya Botswana e ne ya ikemela ka nosi ka ngwaga wa 1989. Botswana Savings Bank e nale tumalano le Poso ya Botswana, go fa teseletso ya go banka madi mo makalaneng a le lekgolo le masome a mabedi a poso (120) Botswana otlhe.

Bokhutlo

Poso ya Botswana e ntse e dira sentle mo nakong ya gompieno.Bontsi jwa batho ba dirisa kompone e go romela makwalo a bone mo mafelong aa farologanyeng.

o ka tsibogela

  • Tiba ya makwalo le Ditso tsa Poso ya Botswana
  • Banka ya Botswana Savings

Dipadi tse dingwe

Dikgoge tsa kwa ntle

Tempolete:Postal administrations of Africa

Tags:

Poso Ya Botswana DitsoPoso Ya Botswana BokhutloPoso Ya Botswana o ka tsibogelaPoso Ya Botswana Dipadi tse dingwePoso Ya Botswana Dikgoge tsa kwa ntlePoso Ya BotswanaBotswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

OTshotlakako Mo Basading Le BanaPrince PhilipRDitlhopho tsa ngwaga wa 2009 tsa lefatshe la BotswanaSelepeTsela ya A1 (Botswana)DipapisoKyotoTurkeyAforika BorwaBangwatoBukaElizabeth IIKing MonadaOodiSinenjongo High SchoolIUSe-dutchWSezuluUBotswanaTshimoyapulaMetlhale ya go tshela Le go fetoga ga seemo sa loapiMerwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000ForaSerongaBotsalano jwa lefatshe la Botswana le RussiaMaunAppleDiprofense tsa Aforika BorwaFinlandChileTokyoSespanMotlakaseBotlogile tshireletsoTlhaelo ya metsi mo AforikaDumplingSt. Petersburg, FloridaSedirisiwa ebong MakoroNgwanaLesakaUSACMainakgobokaBojanala jwa lefatshe la BotswanaHerschel, Kapa BotlhabaDomboloBernadette Sebage RathediSetlhopha sa MatsiengAlexandra KorryPhatlalatso ya mêtsi le kgôpô leswê kwa MoroccoForeistataMpumalangaSekgowaSesothoArchibald MogweBarbara MasekelaLesotho🡆 More