Dipuo Tsa Mo Botswana

Puo ya sekgowa ke yone ya semmuso mo Botswana, fa Setswana sone e le teme ya sechaba.

Puo ya Sekgowa e e adimilweng ka nako ya Botswana a santse a le ka fa tlase ga puso ya ga MmaMosadinyana, ke yone teme e e dirisiwang mo go tsa semmuso le mo dipuisanong tsa mokwalo. Bontsi jwa Batswana ba bua Setswana, mme diteme tse dingwe di ka fetsa masome a mabedi le tso di a buiwa. Dingwe tsa diteme tsa lefatshe di gomagomediwa ke go nyelela.

Languages of Botswana
OfficialEnglish, Tswana
NationalTswana, Ikalanga, Seherero

Dipuo tsa semmuso le tsa sechaba

Teme ya semmuso e e kwalwang mo Botswana ke puo ya Sekgowa. Dipuisano tse di kwadilweng le melaetsa ya semmuso ka bontsi di kwalwa ka puo ya Sekgowa. Puo ya Batswana e eleng Setswana ke puo ya sechaba ya Lefatshe le, mme ebile e buiwa ke bontsi jwa batho mo Lefatsheng.

Dipuo tse dingwe

Ko ntle ga Sekgowa le Setswana, diteme tse dingwe di a buiwa mo Lefatsheng. Banni ba lefatshe ba feta masome a ferabongwe mo lekgolong ba bua dipuo tsa Bantu ele tsone diteme tse ba godisitsweng ka tsone. Go ya ka World Factbook ya ba CIA, dipuo tsa Bantu tse di buiwang go gaisa ke Setswana - se buiwa ke masome a supa le bosupa mo lekgolong la banni ba lefatshe, Sekalaka se buiwa ke bosupa mo lesomeng la banni, Sekgalagadi se buiwa ke boraro mo lesomeng, Seshona se buiwa ke bobedi mo lesomeng, Sembukushu se biuwa ke bongwe mo lesomeng, Setebele se buiwa ke bongwe mo lesomeng, Setshwa se buiwa ke bongwe mo lesomeng, SeXoo le seTuu di buiwa ke palo e ko tlase ga bongwe mo lesomeng. Sekgowa se dirisiwa e le puo ya ntlha ke bobedi go ya ko borarong jwa lesome, mme palo e potlana e bua Seburu.


Palo ya diteme tse di buiwang mo Botswana ke masome a mararo le bongwe. Tsotlhe ele diteme tse di santseng di le teng. Mo go tsone, di le masome a mabedi le borataro ke tse di tlholegileng mo Botswana, di le tlhano ga di a tlholega mo Botswana. Di le nne di dirisiwa thata, di le boferabongwe ke tse di tsweletseng ka go gola, di ferabobedi di dirisiwa mo puong mme di latlha boleng, fa ele nngwe e gomagomediwa ke go nyelela.

Diteme tse di buiwang

  1. Seburu
  2. Ani
  3. Sebirwa
  4. Chichewa
  5. Sekgowa
  6. G||ana
  7. Dciriku
  8. Gwi
  9. Hai||om
  10. Herero
  11. \Hua
  12. Ju|'hoansi
  13. Kalanga
  14. Sekgalagadi
  15. Khoekhoe
  16. Khwedam
  17. Kua
  18. Kuhane
  19. Kung-Ekoka
  20. Lozi
  21. Mbukushu
  22. Nambya
  23. Naro
  24. Ndebele
  25. Setswana
  26. Shua
  27. Tshuwau
  28. Tswapong
  29. !Xoo
  30. Yeyi
  31. Zezuru
  32. SeXhosa

Metswedi

Bala mo go tseneletseng

Etela gape

Dipuo tsa Khoisan

Dipadi tse dingwe

Tags:

Dipuo Tsa Mo Botswana Dipuo tsa semmuso le tsa sechabaDipuo Tsa Mo Botswana Dipuo tse dingweDipuo Tsa Mo Botswana MetswediDipuo Tsa Mo Botswana Bala mo go tseneletsengDipuo Tsa Mo Botswana Etela gapeDipuo Tsa Mo Botswana Dipadi tse dingweDipuo Tsa Mo BotswanaBotswanaSetswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

BagodiPietermaritzburgKarakobisMaeleMasepala ya ElundiniShanghaiEnsaetlolopediaDomboloBogosi jwa United KingdomAferikaMerogo12 NgwanatseleSelemoKapa BophirimaNetball Afrika BorwaJBukaCape TownLeshibitseSetlhakoTobaneMoshupaPorofinsiLefelo la TsodiloBuka ya ga MomoneSir Seretse Khama International AirportMetshameko ya Mothuba LobeloSeburuNorwayUSABatho ba letso la SetswanaBAugusta HenriquesSediba17 NgwanatseleGo Tlhaola Batho ka BongMerwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000Technical and further educationIan KhamaDikgobeLetsile Tebogo8 NgwanatseleOvistonPaco RabanneYokohamaPokoChicken LickenKatlego Kai Kolanyane-KesupileBronkhorstspruitKabelo DambeDaveytonDebswanaCarrot cakeChakalakaRajamangala University of Technology, Nan Campus StadiumNama ya SeswaaTsetsebjweMain PageBloemhof🡆 More