Nama Ya Seswaa

Seswaa (kgotsa chotlho ) dijo tsa setswana tsa mo Botswana, tse di dirilweng ka nama, le fa nako dingwe se dirwa ka nama ya Podi kgotsa ya Nku.

Nma e e mafura e apewa lobaka le le leele go fitlhelela e botswa thata mo dipotong tse ditona, ka letswai le le ntsi, e bo e kgaogangwe kgotsa e sitiwa. Se ete se shabiwe ka morogo kgotsa mabele.

Nama Ya Seswaa
Seswaa

Seswaa ke dijo tse di apewang ka nama ya kgomo ka mogote o lekane go fitlhela e butswa, mme moragonyana e setwe e bo e tsengwa letswai go jewa ka phaletshe. Ke dijo tsa Batswana tse di tlotlegang bogolo jang mo meletlong e tshwana Dintsho le Manyalo. Gantsi nama ya Seswaa e ka apewa go dirisiwa Podi, Nku, Koko kgotsa Kgomo. Go apaya nama go motlhofo, mme go e setla ke kgwetlho. Ditsetlana tsa go apaya di tlhalosa gore e tshwanelwa ke go setlwa ka legong le le thata gore e sale o kare e kgebeteletswe ka ditokinyana.

Dikotla tse di mo teng ga Seswaa

Nama ya Seswaa e na le dikotla tse di nonotshang mmele. Dikotla tse di thusa go aga ditshika tsa mmele.Batho ba ratang nama ba godile ebile ba nonofile.Seswaa fa se shabiwa ka dijo tse dingwe jaaka Merogo,bogobe, mabele kgotsa Phaletshe di dira dijo tse di nonofileng ebile di fa mmele dikotla tsotlhe tse di tlhokiwang ke mmele.

Bokutlo

Seswaa se nale dikotla tse di ntsi tse di siametseng mmele.Batho ba tswanetse go se shabisa ka dijo tse dingwe go oketsa dikotla tsa sone gore di tswele mmele mosola.


Dipadi tse dingwe.

Tags:

Botswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

SespanJohannesburgPokoGo pholodisa bopimana mo Aforika BorwaUmbrella for Democratic ChangeSegwapaSelemoRussiaLefelo la diphologolo la KhutseBokone BophirimaTsodiloPrince PhilipLobatseIan KhamaMalotiMotlakaseOmkar Prasad BaidyaTzaneenBatho basweuJerry StalcupSekalakaDaveytonOsakaArchibald MogweSeburuDipapiso9 NgwanatseleQThobalanoNeo MasisiTlhaelo ya metsi mo AforikaMetlhale ya go tshela Le go fetoga ga seemo sa loapiBolwetse jwa Mogare wa Khorona 2019Cyril RamaphosaYunibesithi ya Aforika BorwaAddoKarolwana sa Ngaka Modiri MolemaDikgoberego tsa baithutiMonwaneKereke ya SionMount AyliffCuritibaNew XadeMakapanstadTurkeyFesheneMotse wa MolalatauOJ19 NgwanatseleE17 NgwanatseleTshepiso Molwantwa🡆 More