Segwapa

Segwapa ke nama e e omisitsweng, e e tlholegang thata mo borwa jwa africa.

Segwapa se dirwa ka nama e e sa butswang, e ka nna nama ya kgomo, ya podi, kana ya phologolo. Nama e e a segelelwa, e bo e tshelwa letswai. Letswai le thusa go gamola metsi mo nameng le gone go thusa gore nama e e omelele e bile e seka ya bola. Segwapa se kgona go tshelwa pherefere gore se babe, kana sa tlogelwa fela ka letswai se sa lokwa pherefere. Se tle se tsenngwe metswako e mengwe fela jaaka bo bo konofole go se natefisa.

Segwapa
Sliced beef biltong
Segwapa
Homemade beef biltong sticks

Ga segwapa se sena go omelela lobaka e ka nna dibeke tse pedi se anegilwe mo letsatsing, se tlaabo se siametse go ka jewa. Mme se ka jewa fela se ntse se omeletse, kana sa besiwa mo magaleng a molelo. Se ka nna gape sa apeiwa jaaka o ka apaya nama se be se thugiwa go dira seswaa sa segwapa. Segwapa se se apeilweng le go thugiwa se ka jewa se le sosi kana sa shaba bogobe jwa mabele.

Nama e e dirang segwapa e ka segelelwa bosesanyane kgotsa bokima pele fa e ka omisiwa. Seswaa se se thugilweng fa se apewa se kgona no natefisiwa ka go ntsenngwa diguruntu ka go farologana ga tsone.

Metswedi

Tags:

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

SegokgoSekgowaPorofinsiBotswana TVOmkar Prasad BaidyaIan KhamaNoka ya ShasheMan15 NgwanatseleGillian GuzmanMatatieleStary DwórNama ya SeswaaJohannesburgMmasekgoa Masire-MwambaLenyaloMotse wa MathathaneMmidi/MmopoWuhanMotlakaseJapanBaebeleKwaZulu-NatalXi'anAustriaFrancistownBKgaolwana ya KgalagadiSekgogaDijo tsa Setswana,BotswanaMosadiWChangateSeburuSethosaEdirneOviedoLebala la metshameko la motse wa SeroweUgie, Kapa BotlhabaKing MonadaNagoyaPaco RabanneMatlakala a masweuKereke ya SionBasarwaDuma BokoMpule KwelagobePhatlalatso ya Metsi le kgopo leswe kwa NamibiaGonutsugaBojanala jwa lefatshe la BotswanaMerwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000DutlweAustraliaBubi🡆 More