Tshelang Masisi

Tshelang Walter Masisi(c.1960- 28 Phatwe 2013) ene ele lepolotiki mo Botswana.

Ene ele mogolowe Tautona Mokgweetsi Masisi wa monna, mme o dirile jaaka leloko la Pan African Parliament, gammogo le palamente ya Botswana a emetse kgaolo ya botlhophi ya Francistown bophirima mo lekokong la  sepolotiki la Botswana Democratic Party gotswa ka ngwaga wa 1999 go fitlhela a tlhokafala ka ngwaga wa 2013. Masisi ene ele morwa Edison Masisi (1921-2003) yoo dirileng jaaka mopalamente wa Moshupa ka lobaka le leleele le leloko la khabinete(cabinet). Mongwe wa barwa rraagwe ba bararo, Mokgweetsi Masisi ke tautona ya lefatshe la Botswana gotswa ka 2018 , fa yo mongwe a tlogetse

tiro ka bogodi jaaka lesole. Bana le kgaitsadi A bone ebong Phadi.

Leso

Ka ngwaga wa 2000 oile a tshwarwa ka bolwetsi jwa diphilo mme mosadi wa gagwe ebong Ntetleng amo abela philo. Morago ga loaro oile a bula setlamo se se thusang bao ba tlhokang thuso ya dikarolo tsa mmele. Ka ngwaga wa 2012, ngwaga fela pele  ga loso lwa gagwe, Masisi le mosadi wa gagwe baile ba bona kotsi ee masisi ee batlileng go felela e baka dintsho mo tseleng ya A1 fa Palapye baya Francistown. Ene yare ka ngwaga wa  2013, kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi ale masome a mabedi le botlhano a ragogesediwa kwa  kokelong ee ikemetseng ka nosi ya  Bokamoso (Bokamoso Private Hospital ) mo Mmopane( sa gape go tweng semo Metsimotlhabe) pele ga a fetisediwa kwa Johannesburg kwa kokelong ya Milpark go ya go dira loarwa, mme loaro la pala a busediwa Bokamoso morago ga makgoreletsi aa neng a itemogetswe. Masisi oile a tlhokafala letsatsi fela morago gago goroga mo Botswana ka ntlha ya stroke mme ene yare morago mo tshokologong sebueledi sa lelwapa ebong Thulaganyo Masisi a tlhomamisa se.

Metswedi

Tags:

MoshupaPalamente ya Botswanaen:Botswana Democratic Partyen:Edison Masisien:Francistownen:Pan-African Parliamenten:President of Botswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

KanyeShakaweMotse wa MokubiloDurban13 NgwanatseleNorth WestToropo ya Sowa mo BotswanaBeratónÁgredaPozos de HinojoAbejarKumakwaneTemoThabo MbekiSempakweUSABojanala jwa lefatshe la BotswanaMerwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000CañamaqueLeso la ga Elizabeth IIThamagaBotswanaMoleloDistricts tsa Afrika BorwaDévanosBatho basweuMakhadziEesterusRadiselePhatlalatso ya mêtsi le kgôpô leswê kwa MoroccoAlmajanoFestus MogaeRamonakaWinnie Madikizela-MandelaMotse wa SemboyoTaiwanAldealicesBasarwaKereke ya SionRussiaFrancistownGumareDijoUetersenKauxwhi🡆 More