Sheila Tlou

Sheila Dinotshe Tlou ke moitsaanape wa Botswana mo bolwetseng jwa HIV/AIDS le mo botsogong jwa basadi, ga mmogo le mo dithutong tsa booki.

O kile a nna tona wa botsogo ka ngwaga 2004 go fitlha ka ngwaga wa 2008.

Dithuto le tiro

Tlou o ithutile kwa sekolong sa Teachers College, Columbia University, U.S., a amogela setlankana sa M.A. sa Dithuto (sa go itebaganya le taelo ya maranyane a botsogo). O ne a amogela setankana sa PhD mo bodireding jwa botsogo mo tikologong(Community health nursing) le setankana sa diploma tsa dikgang tse di amanang le bong (gender issues), gotsweng ko sekolong sa University of Illinois at Chicago ka ngwaga wa 1990. O ne a ruta kwa mmadikwele, ke gore University of Botswana gotsweng ka ngwaga wa 1980 . Go simolola fela ka ngwaga wa 1994 go ya ko ngwageng wa 1996, o ne a nna mookamedi wa lephata la Nursing Education, ka jalo gwa modira gore a nne moitsanape wa tlwatlwa ka ngwaga wa 1999 le wa 2002–04 fa a ne le moteledipele wa HIV/AIDS mo mmadikwele ka go farologana.

Tlou o ne a emela lefatshe la Botswana ko tirelong ya 1995 Fourth World Conference on Women kwa lefatsheng la Beijing. E rile ka ngwaga wa 2002 o ne a lebagangwa le tiro ya botlhokwa ya UN ya banyana, basadi , le HIV/AIDS mo kgaolong ya borwa jwa Africa. O ne a buisana le UNAIDS, UN Commission ka boleng jwa bomme le World Health Organisation. O ne a tsaya karolo mo moletlhong wa bodiredi jwa batho ba ba rutang ba banngwe lefatshe ka bophare wa HIV Vaccine Trials Network.

Tlou o ne a tsena mo nyalong e e boitshepho le moitsanape wa tsa ditso tsa Botswana e bong Professor Thomas Tlou.

Tlou o ne a tsena mo ditlhakong tsaga Precious Ramotswe mosadi wa senaka wa dibuka tsedi farologaneng tsa Alexander McCall Smith #1 Ladies' Detective Agency, e le ntlha nngwe ya go fetisa nako le go ekentsha bodutu ka motshameko o. Ka nako nngwe ba-bega dikgang ba kile ba bega gore go ka nna ga nna le kgonagalo ya gore a tshameke motshameko e le Mma Ramotswe mo ditswantshong tsa motshikinyego tsa Hollywood.

Ga tla kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa ditlhopho tsa lefatshe 2004, Tlou a neelwa maemo a gore a nne tona wa tsa Botsogo ka kgwedi ya Ngwanaatsele a tlhola malatsi a le boferabongwe ka ngwaga wa 2004. Morago ga go latlhegelwa ke ditlhopho tse di potlana tsa Botswana Democratic Party (BDP) ko Palapye, Tlou o ne tswanelwa ke go rola marapo ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2008 fa Ian Khama a nna tautona ya lefatshe.

Kalafi le thibelo ya HIV/AIDS

Go bereka thata ga ga Tlou mo Africa borwa ka bolwetsi jwa HIV/AIDS, go dirile gore basadi ba buisane le bakapelo ba bone ka tsela tse di siameng tsa go tlakanela dikobo ka go sa tlakanela dikobo go sa itsherelediwa e le gone mo go bakang bolwetsi jo, segolo jang basadi ba ba nyetsweng. O berekile le basadi ba motiya ba maphata a bomme le mekgatho e e dirwang mo lefatsheng go tsibosa ka bolwetsi jwa AIDS mo Botswana. O dirile go ka tlala diata mo go lwantsheng le go fokotsa kgethololo ya batho ba ba nang le AIDS le go thusa batho ba ba nang le HIV gore ba amogele seemo sa bone gore ba tswelele le matshelo a bone.

Dietsele

  • May 2002 Anna Reynvaan prize, and gave prize lecture (Netherlands)
  • September 2002 Presidential Order of Honour (Botswana)
  • 2003 Florence Nightingale Medal (International Committee of the Red Cross)

Ditiro

Tlou ke mongwe wa bakwadi tota ba buka ya itsetso ya batho ba ba nang le bolwetsi jwa HIV/AIDS mo Africa:

  • With Max Essex, Souleymane Mboup, Phyllis J. Kanki, Richard G. Marlink (eds.) AIDS in Africa . Kluwer Academic / Plenum Publishers (2002). ISBN 0-306-46699-6

Ditiro tse dingwe tse di thophilweng:

  • With K Norr and J Norr. "The threat of AIDS for women in developing countries". In F Cohen, JD Durham (Eds.) Women, children and HIV . New York: Springer (1993)
  • With K Norr and B McElmurry. "AIDS prevention for women: a community-based approach in Botswana". Proceedings of the WHO Global Programme on AIDS meeting on effective approaches for the prevention of HIV/AIDS in women. Geneva, Switzerland, February 1995.
  • “Women & AIDS in Southern Africa”. In proceedings and background papers on regional action, Southern African Development Community/ European Union conference on HIV/AIDS. Malawi, December 1996.
  • With B Ingstad, B and F Bruun. "AIDS and the elderly Tswana: The concept of pollution and consequences for AIDS prevention". In Journal of Cross-cultural Gerontology Vol. 12 (1997)
  • "Communication Strategy for the Introduction of Antiretroviral Therapy in Botswana". In The Science and Culture Series: Nuclear War and Planetary Emergencies . A Zichichi (ed). World Scientific Press (2001)
  • "Mother-to-child transmission of HIV in Botswana". World Federation of Scientists Planetary Emergencies Conference. Erice, Italy, August 2001.
  • With E Lindsey, M Hirschfeld and E Ncube. "Home-based care in Botswana: Experiences of older women and young girls". In Health Care for Women International Vol. 24. (2003)

Dipadi tse dingwe.

Dikgoge tsa kwa ntle

Tags:

Sheila Tlou Dithuto le tiroSheila Tlou Kalafi le thibelo ya HIVAIDSSheila Tlou DietseleSheila Tlou DitiroSheila Tlou Dipadi tse dingwe.Sheila Tlou Dikgoge tsa kwa ntleSheila TlouBotswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Bojanala jwa lefatshe la BotswanaNoka ya OkavangoGo lepalepana le seemo sa phetogo ya loapiOTlhaolele mo Aforika BorwaMosolotshaneDombolo1917Katlego Kai Kolanyane-KesupileGoa (Botswana)Mabolokelo a ditso a lefatshe la Botswana31 PhalaneSetsongaMotlakaseItsosengKgotlaSDitšhaba Tse di KopanengBogosi jwa United Kingdom13 NgwanatseleJapanSe-dutchRre Abdul PatelOmkar Prasad BaidyaYokohamaSedibaItseng KgomotsoPuiso-BathoMabalane, BotswanaThuto mo BotswanaGwetaRoubaixShanghaiPokoHoedspruitMetlhale ya go tshela Le go fetoga ga seemo sa loapiGo Tlhaola Batho ka BongTBokone BophirimaIan KhamaForeistataSylvia MuzilaABantshoTobaneFestus MogaeWuhanMala MogoduBagodiThabo MbekiKNana KlutseNamibiaAvro ShackletonNataAforika BorwaPorofinsiSomarelang TikologoGeographic coordinate systemBolwetse jwa mogare wa EbolaKanyeSeforaBronkhorstspruitBloemfonteinChristianaOrkney🡆 More