Bolwetse jwa mogare wa Ebola (EVD) kgotsa letshoroma la go dutlela teng ga madi (EHF) ke bolwetse jo bo tlhaselang batho mme bo tlholwa ke mogare wa Ebola.
Gantsi dikai di simolola matsatsi a le mabedi kgotsa dibeke di le tharo morago ga go tshwaetswa ke mogare, mme di iponatsa ka letshoroma, mometso o o botlhoko, Myalgia/go opa ga mesifa le go opiwa ke tlhogo.Gantsi , go tlaa latela letlhatso le letshololo , mmogo le go sa direng sentle ga sebete le diphio. Mo nakong e, batho ba le bantsi ba simolola go nna le matsapa a godutla madi.
Bolwetse jwa mogare wa Ebola | |
---|---|
Karologanyetso mmogo le ditlamelwa tsa kwa ntle | |
Setshwantsho sa 1976 sa baoki ba le babedi ba eme fa pele ga Mayinga N., motho yo o neng a na le bolwetse jwa mogare wa Ebola; o tlhokafetse matsatsi a le mmalwa a a hulereng ka ntlha ya go dutla madi ka fa teng go go etegetseng. | |
ICD/CIM-10 | A98.4 A98.4 |
ICD/CIM-9 | 065.8 065.8 |
DiseasesDB | 18043 |
MedlinePlus | 001339 |
Mogare o kgona go fetela ka go kgoma madi kgotsa seela/diela tsa mmele tsa phologolo e e nang le mogare (gantsi e nna dikgabo kgotsa bommamanthane). Ga go ise go netefadiwe gore mogare o ka tshwaetswa ka phefo. Go dumelwa gore bommamanthane ba kgona go tshola le go fetisa mogare le fa bona ba sa tshwaetsega. Fa motho a tshwaetsegile, bolwetse jo bo ka fetetsana gareng ga batho. Banna ba ka bo fetetsa ka peo ya bonna mo dikgweding di ka nna pedi. Gore o kgone go bona gore o tshwaeditswe, go tshwanetswe ga tlholwa le go kgapelwa thoko malwetse a mangwe a a nang le dikai tse di tshwanang le mogare o, jaaka malaria, kholera le malwetse a mangwe a letshoroma la go dutla madi. Go netefatsa gore mogare o go tsene, go tsewa madi go a lekelela masole a mmele RNA, kgotsa mogare ka boona.
Thibelo ya bolwetse jo e akaretsa go kakoba dikgabo le dikolobe tse di tshwaeditsweng. Se se ka kgonwa ka go tlhola tshwaetso go diphologolo tse, le go di bolaya le go latlha ditopo tsa tsona ka tsela e e maleba fa e le gore di na le mogare. Go apaya nama sentle le go apara diaparotshireletso fa re tshola nama le gona go ka nna mosola, go tshwana le fa re apara diaparotshireletso le go tlhapa diatla fa re dirana le motho yo o nang le bolwetse jo. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore diela le ditogwa tsa batho ba ba fetetsweng ke bolwetse di tsholwa jang.
Ga go kalafi e e itseweng ya bolwetse jo; maiteko a go thusa batho ba ba khueditsweng a akaretsa go ba nosa metsi a letswai/sukiri kgotsa go tsenya dino mo diriping. Bolwetse jo bo bolaya bontsi: magareng a 50% le 90% ya ba ba tshwaeditsweng ke mogare o. EVD e bonwe lantlha kwa Sudan morago ya bonwa kwa Democratic Republic of the Congo. Gantsi bolwetse jo bo tsipoga kwa dikgaolong tsa Aforika ya Sub-Sahara. Go tloga ka 1976 (fa bo lemogiwa lantlha), go fitlha go 2013, go palo ya batho ba le ka fa tlase ga 1,000 ba ba tshwaeditsweng, Bogolo jwa tsogo gajaana ke jwa Tsogo ya Ebola ya Aforikabophirima, e e khuetsang Guinea, Sierra Leone, Liberia gongwe le Nigeria. Go fitlha ka Phatwe wa 2014 go lemogilwe batho ba le 1600. Go tsewa matsapa go fitlhelela moento; le gale, ga o ise o bonwe.
This article uses material from the Wikipedia Setswana article Bolwetse jwa mogare wa Ebola, which is released under the Creative Commons Attribution-ShareAlike 3.0 license ("CC BY-SA 3.0"); additional terms may apply (view authors). Tshedimosetso e teng ka fa tlase ga CC BY-SA 4.0 ntle le fa go supilwe ka tsela e nngwe. Images, videos and audio are available under their respective licenses.
®Wikipedia is a registered trademark of the Wiki Foundation, Inc. Wiki Setswana (DUHOCTRUNGQUOC.VN) is an independent company and has no affiliation with Wiki Foundation.