Sara Collins

Sara Collins ke mokwadi wa dibuka o kileng a nna mmueledi, wa ditso tsa Caymanian-British, mme a tshotswe e le mo Jamaica.

O fentse seetsele sa Costa Book Award ka buka ya gagwe ya ngwaga wa 2019 ya ditso tse di itlhametsweng ya The Confessions of Frannie Langton.

Sara Collins
Tsalo
Kingston, Jamaica|Kingston Jamaica
Alma materLondon School of Economics University of Cambridge
TiroWriter
Mosadi
Iain McMurdo
(m. 2008)
Maranyanesaracollinsauthor.com

Botshelo jwa gagwe jwa pele le molao

Collins o tsholetswe kwa Kingston kwa Jamaica. Lolwapa lwa gagwe lo fudugetse kwa Grand Cayman kwa Cayman Islands, kwa e leng lolwapa lwa ga mmagwemogolo mo lotlhakoreng lwa ga rragwe, fa a le dingwaga di le nne ka ntlha ya dintwa tsa sepolotiki tse di tlhagogileng morago ga ditlhopo tsa kwa Jamaica tsa ngwaga wa 1976. O tsene sekolo se se nang le boroko kwa England a le dingwaga di le lesome le motso.


Collins o ne a aloga mo go tsa molao kwa London School of Economics. O berekile e le mmueledi dingwaga di lesome le bosupa, mme ka yone nako eo o ne a tlhabolola International Trust Disputes a berekisana le ba bangwe. E ne e le mopati e bile e le tlhogo ya Trust & Private Client kwa ofising ya Cayman Islands ya Conyers Dill & Pearman.

Bokwadi

Collins o dirile dithuto tsa Master of Studies tsa bokwadi jwa boitlhamedi kwa Institute of Continuing Education, University of Cambridge ka ngwaga wa 2014 go tsena ka 2016. Fa a tsena sekolo kwa Cambridge o ne a neelwa seetsele sa ngwaga wa 2016 sa Michael Holroyd ka buka ya gagwe ya Knocking on Walcott's Door.


Buka ya The Confessions of Frannie Langton e sala morago ditiragalo tsa mme o o atlholetsweng polao, e kwaletswe tsheko ya gagwe kwa London ka ngwaga wa 1826 kwa Old Bailey. Frannie Langton o ne a godile e le lekgoba kwa ditshimong tsa sukiri kwa Jamaica, kwa mong wa gagwe a neng a mo firile mo patlisisong ya gagwe go bontsha gore batho ba Aforika ga se batho. O ne a neelwa George Benham le mosadi wa gagwe wa mo Fora kwa Lontone, mme mo ditiragalong tse di bofitlha borra Benham ba bolawa. Buka e e gatisitswe ka ngwaga wa 2019 ke ba Viking, ba ba e gatisitseng pele ga dikompone tse dingwe di ferabongwe di ne di supa kgatlhego. Natasha Pulley fa a sekaseka buka e mo pampiring ya The Guardian, o e galaleditse a supa fa "Lentswe la ga Frannie le neelano ya ditiragalo di diragala ke bofefo. Mokanoki mo The Irish Times ene o supile fa buka e e na le go buelela bomme. Collins o ne a fenya seetsele sa buka ya ntlha ka ngwaga wa 2019 sa Costa Book Award.


Collins o ne a tlhophiwa go phadisanela seetsele sa McKitterick Prize sa ngwaga wa 2020, se se neelwang ke ba Society of Authors se neelwa mokwadi o o simololang dingwaga tsa gagwe di feta masome a mane.


Ka ngwaga wa 2020, ITV e ne ya tlhalosa fa e kopile go fetolela The Confessions of Frannie Langton mo setshwantsho sa telebishini sa metseletsele e le mene le ba Drama Republic go simolola ka Phatwe ngwaga wa 2021 mme e fele ka Ngwanatsele. Go dirwa ga setshwantsho go diragetse kwa Yorkshire kwa mafelong a tshwana le Duncombe Park, Dewsbury Town Hall, South parade, Wakefield, Dalton Mills, Hull Old Town, Temple Newsman, Versa Leeds Studios, York Mansion House, Bramham Park le Sledmere House.

Botshelo jwa gagwe

Collins o kgaoganya nako ya gagwe kwa Lontone le kwa Cayman. O ne a nyalana le mmueledi wa lotso lwa Scottish ebong Ian McMurdo ka ngwaga wa 2008. Bobedi jo ba ne ba na le bana pele ga ba kopana kwa ofising ya bone ya molao, McMurdo e ne e le motlholagadi a na le bana ba basetsana ba le bararo, mme Collins ene a tlhadilwe ka bana ba le babedi.

Dikgatiso tse di tlhophilweng

  • Collins, Sara (4 Moranang 2019). The Confession of Frannie Langton. Lontone. Viking. ISBN 978-0241349199
  • Collins, Sara; Steven Kempster; Morven McMillan; Alison Meek, eds. (2012) International Trust Disputes. Oxford. Oxford University Press ISBN 9780199594702

Metswedi

Tags:

Sara Collins Botshelo jwa gagwe jwa pele le molaoSara Collins BokwadiSara Collins Botshelo jwa gagweSara Collins Dikgatiso tse di tlhophilwengSara Collins MetswediSara Collinsen:British peopleen:Caymanianen:Costa Book Awardsen:Jamaicaen:The Confessions of Frannie Langton (TV series)

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Thuto Isago TrustMerogoSelemoFinland8 NgwanatseleSespanNgwanaMoshupaBatho basweuMainakgobokaDikgobeAOrkneyRamotswaLefelo la tshomarelo ya tlholego la MokolodiRajamangala University of Technology, Nan Campus StadiumTlhaolele mo Aforika BorwaMmadinareDitlamorago tsa phetogo ya loapi mo temothuongThabo MbekiWBrendan FraserSefhareBatho ba letso la SetswanaLPorofinsiBloemfonteinZambiaThobalanoSetswanaBatho ba letso la India mo BotswanaGo lepalepana le seemo sa phetogo ya loapiLucas Manyane MangopeMolalatauThuto mo BotswanaISetso sa SetswanaBophuthatswanaUgie, Kapa BotlhabaKNoka ya OkavangoMadie Hall XumaNana KlutseNelson MandelaWikipediaSekalakaMariama MamaneMahikengSylvia MuzilaThuto mo Aforika BorwaTechnical and further educationNelspruit10 NgwanatseleBagodiMashi a lebeleAforika BorwaItsosengSomarelang TikologoLetsile TebogoChengduPaco RabanneKgotlaO🡆 More