Mandela And Tambo

Mandela and Tambo ene ele setlamo kana kompone ya molao eo eneng e simolotswe ke rre Nelson Mandela le Oliver Tambo mo Johannesburg ka ngwaga tsa bo 1952.

Kompone kana setlamo se ene ele sone sa ntlha mo lefatsheng go tsamaisiwa ke batho bantsho. Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 1952, rre Mandela one a simolodisa setlamo mme moragonyana ga dikgwedi di le mmalwa, a laletsa Tambo go simolodisa “Mandela and Tambo” mo  diphaposeng tse pedi tse dinnye mo Chancellor House, kago eo eneng ele dikantoro dikgolo tsa mokgatlho wa African National Congress (ANC). Setlamo se ne se penologa ka batho ba ba neng ba kopa thuso mababi le mmuso wa bokgokgontshi wa puso ya  tlhaolele. Mo Aforika Borwa ditlamo tsa babueledi dine di bereka ka go dira le bangongoregi ka senamana, mekwalo e dirwe mme morago moemedi yo o ikemetseng ka nosi kana yoo mo setlamong sa babueledi a laelwe go ya go ema fa pele ga lekgotla tshekelo. Tiro e ntsi ya go kwala ene e dirwa ke Tambo , fa go bua kana go buelela maloko fa pele ga lekgotla la ditsheko gone go dirwa ke Mandela. Moragonyana  Duma Nokwe,Ruth Mompati , Mendi Nsimang le  Godfrey Pitje ba ne ba nna karolo ya setlamo. Setlamo seile sa tswalwa ka ngwaga wa 1960 fa rre Mandela a latofadiwa ka go batla go menola puso mme Tambo ene a inaa naga. Morago kantoro e  ya molao ene ya jewa ka molelo mme ya nna dingwaga ele boremelelo jwa bo maipaya fela go fitlhela  ka 2011,fa  Chancellor House e baakangwa go tshegetsa matlotlo a ngwao, ditso le boloka kitso go thibela go nyelela ( Chancellor House museum and archives). Mandela le Tambo ba ne ba kopanela mo sephiring ko Stockholm ka kgwedi ya Mopitlo,1990, bokopano joo  maikutlo a neng ale ko godimo.

Metswedi

Tags:

Nelson MandelaRuth Mompatien:Chancellor House (building)en:Duma Nokween:Law firmen:Mendi Msimangen:Oliver Tamboen:Stockholm

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Dijo tsa Setswana,BotswanaBojanala Platinum District MunicipalityDistricts tsa Aforika BorwaMunsievilleKE NE KA RATA KGAREJWANAEMaeleYokohamaSethosaABadimoNgwanaSegokgoMothusi CooperSekgowaBoleleBatho ba letso la SetswanaPuiso-BathoMminoMpumalangaLeso la ga Elizabeth IIDJ MaphorisaHo Chi Minh CityKotsi ya Air Botswana ka ngwaga wa 1999Wiki FoundationWuhanCedarvilleMaIndiaSheila TlouGeorge VIBokaaNottingham RoadPrince PhilipArtisiaSe-dutchThuto mo Aforika BorwaNKgolo ya NgwanaVee MampeezyGakgatlaFolaga ya BotswanaTNoka ya OkavangoDomboshabaMotlobo wa dibukaDr Kenneth Kaunda District MunicipalitySir Seretse Khama International AirportMmopaneTzaneenZimbabweJohannesburgSetlhopha sa setshaba sa kgwele ya dinao sa BotswanaTupac ShakurLetlhakaneFTsetsebjwe16 Ngwanatsele5 NgwanatseleKgopeSesothoMooi River (toropo)Sefora🡆 More