Kalafi Ya Letshololo Mo Gae

Fela fa letshololo le simolotse ngwana, mo siele dino (e seng dino tagi)kgapetsa kgapetsa go feta jaaka gale go thibela tatlhegelo ya metsi mo mmeleng.

  • Kgodu ya setampa kgotsa ya raese, moro le dijo tse dingwe tse di metsi jaaka motogo wa ting.
  • Mashi a lebele, dino tse di dirilweng ka mashi jaaka madila le yokate.
  • Metsi a a phepa le matute a maungo.
  • Motswako wa letshololo o o fiwang kwa kokelwaneng fa o le teng mo gae: Tlhakanya jaana: pakete ya ORS + lithara ya metsi a a bedileng a sena go tsidifala.

Ela tlhoko: Siela ngwana dino tse jaaka a batla.
=== Fa ngwana dijo kgapetsa kgapetsa go thibela go latlhgelwa ke mmele ===

Fa ngwana dijo

  • Tse di kgobilweng gore di silege motlhofo mo maleng.
  • Tse di apeilweng mo bosheng
  • Dijo tse di siametseng ngwana yo o tshololang ke tse: motogo wa ting, motogo o o tsentsweng dikotla jaaka mafuranyana (cooking oil), botoro, kgotsa botoro ya manoko (peanut butter). Phaletshe e e nang le mafura, mashi a lebese kgotsa madila, ditapole, mae a a bidisitsweng, borotho jo bosweu, merogo, nama ya koko, ya kgomo kana tlhapi.
  • Matute a maungo kgotsa dibanana.
  • Fa ngwana dijo kgapetsa kgapetsa, garataro kgotsa go feta foo ka letsatsi.
  • Fa letshololo le eme, okeletsa ngwana dijo letsatsi le letsatsi gore a bone nonofo le dikotla tse di mo latlhegetseng fa a ne a tsholola.

Isa ngwana kwa kokelwaneng fa a supa dikai tse:

  • Fa a sa nne botoka
  • Fa a tsholola kgapetsa kgapetsa
  • Fa a sa nwe kgotsa a sa je sentle
  • Fa a phaphalala legano kana a tshwarwa ke lenyora thata.
  • Fa a lebega a lapile.
  • Fa a gotetse
  • Fa matlho a wetse
  • Fa phogwana e wetse (mo maseeng)
  • Fa letlalo la gagwe le phaphaletse ebile le ema fa le tshwarwa ka go pitlaganyediwa fa gare ga menwana jaaka e kete o a notiwa

==== Ela tlhoko: ==== Dipalo tse di mo setshwantshong di tsamaelana le dingwe tsa dikai tse di kailweng fa go dimo.

Kalafi Ya Letshololo Mo Gae 
Dikai tsa fa o latlhegetswe ke metsi a mmele.

Tags:

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

BantshoKyotoSekgoaCentral DistrictMokgwetsi MasisiEnsaetlolopediaSemitweIan Khama Seretse KhamaJThuto Isago TrustOmar Oucief StadiumZambiaAlbertina SisuluOkanaiseišeneMainakgobokaMokgweetsi MasisiMompati Sebogodi MerafheLesothoDijoNtebogang RatshosaDAVID HARTHONCharles IIIMexicoJohannesburgMageuHDistrict MunicipalityMosadiKokotshaMetshameko ya Mothuba LobeloSespanWikipediaDavid TlaleApolePuiso-BathoMain PageNgwanaRuth Williams KhamaFree StateGMookaneRussiaKing MonadaUSASetso le ngwao ya SetswanaMoshupaAfrikaansBolwetse jwa Mogare wa Khorona 2019Fish KeitsengOMaranya a Kakanyo🡆 More