Mokgweetsi Masisi: Tautona wa lefatshe la Botswana

Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi (o tshotswe ka di 21 Phukwi 1961) ke tautona wa botlhano wa lefatshe la Botswana go simolola ka di 1 Moranang 2018.

O setse a kile a dira e le tona wa thuto ka ngwaga wa 2014, mme a dira gape e le tona wa tsa bodiredi mo ofising ya ga tautona le tsa merafe go simolola ka ngwaga wa 2011 go fitlha ka ngwaga wa 2014. O ne a tlhophiwa lantlha go ya palamêntêng ka ngwaga wa 2009.

Mokgweetsi Masisi
Mokgweetsi Masisi: Botshelô, Tirô, Phitlhêlêlô
5th Tautona wa Botswana
Incumbent
Assumed office
1 April 2018
Vice PresidentSlumber Tsogwane
Pele Ga GagweIan Khama
Modulasetilô wa Botswana Democratic Party
In office
1 April 2017 – 4 April 2018
Pele Ga GagweIan Khama
Morago Ga GagweSlumber Tsogwane
8th Vice President of Botswana
In office
12 November 2014 – 1 April 2018
PresidentIan Khama
Pele Ga GagwePonatshego Kedikilwe
Morago Ga GagweSlumber Tsogwane
Member of Parliament for
Moshupa / Manyana
In office
2009 – 1 April 2018
PresidentIan Khama
Pele Ga GagweMaitlhoko Mooka
Morago Ga GagweKarabo Gare
Ka Ga Ena
O tsetsweMokgweetsi Eric Keabetswe Masisi
(1961-07-21) 21 July 1961 (age 62)
Moshupa, Bechuanaland Tempolete:Country data United Kingdom (now Botswana)
Mosetshaba waMotswana
MokgatlhoBotswana Democratic Party
Mo/BakapeloNeo Masisi
BanaAtsile Masisi
BatsadiEdison Setlhomo K. Masisi (father, deceased)
Precious Masego Masisi (mother)
BonnoState House
Alma materFlorida State University
TiroTeacher

Botshelô

Rre Mokgweetsi Masisi ke morwa wa ga Edson Masisi(1923-2003), yo o neng e le leloko la palamêntê kwa Moshupa. Rre Masisi o goletse mo torôpôkgôlô Gaborone, a tsena sekolo se se botlana kwa Thornhill Primary School mme a ya go tsweledisa see segolwane kwa Maru A Pula School. Kwa sekolong o ne a tsenelela dikgaisano tsa kgwele ya dinao le thênêsê, mme kwa bofelong a felela a kgatlhêgela tsa kgatô. Ka ngwaga wa 1984 o ne a akgolelwa kêtêlêlo pele ya gagwe ya tlhamô ya mo Gaborone ya Cry the Beloved Country, mme a galaletswa ke Alan Paton ka tiragatsô ya gagwe. Fa go tswêlêtswêle ka ngwaga wa 1980 o ne a nna moanêlwamogolo wa go dira le metshamekô, mme gape a nna karolô ya di filimi tsa South Africa B-Movies.

Tirô

Ka ngwaga wa 1980 Rre Masisi o ne a nna morutabana wa dithuto tsa social studies dingwaga di le mmalwa morago fa a sena go aloga kwa mmadikolong wa Botswana ka ngwaga wa 1984 mo go tsa Sekgowa le Ditsô. Mme a tswelela ka go ya go ruta kwa sekolong se se golwane sa Mmanaana ka ngwaga wa 1984 mo motsaneng wa Moshupa pele fa a simolola le mmadikolo wa Botswana ka ngwaga wa 1987 e le moitseanape wa tsa kgolô ya dithutô tsa sekolo. Ka ngwaga wa 1989 o ne a ya kwa Florida State University go ithutela bonkge jwa digerata tsa Thutô, mme morago a thapiwa ke UNICEF mo Botswana.

Rre Masisi o ne a seka a bona tlhôphô ya Botswana Democratic Party (BDP) go emela kgaolô ya botlhophi mo Moshupa ka di ditlhopho tsa ngwaga wa 2004. Le fa go ntse jalo, o ne a tsaya tlhôphô ya BDP pele ga ditlhôphô tsa ngwaga wa 2009 mme a fenya setilô. Mme ka bofefo o ne a tlhôphiwa go nna mothusa tona wa tsa bodiredi kwa ofising ya ga tautona le bodiredi jwa tsa merafe ka Phalane 2009. Moragonyana ga ngwaga e le mothusa tona wa tsa bodiredi jwa ofisi ya ga tautona le tsa merafe ka Ferikgong 2011. Rre Masisi o ne a nna tona wa thutô le tlhabololô ya tsa boitseanape a tshwareletse ka Moranang 2014; o ne a tlhôphiwa gape mo setilông sa palamêntê ka Phalane 2014, mme a thapiwa go nna tona wa thutô le tlhabololô ya tsa boitseanape ka Phalane 28, 2014.

Rre Masisi o ne a thapiwa ke moetêlêdipele Ian Khama go nna mothusa tautona wa Botswana ka Ngwanaatsele 2014 fa a santse a tshwareletse e le tona wa tsa Thutô. Ka Moranang, 2018 o ne a ikanisiwa go nna tautona wa lefatshe la Botswana wa botlhano, yo mo bigompienong a direlang e le tautona wa lefatshe la Botswana.

Phitlhêlêlô

Tautona wa pele Rre Khama o ne a thapa Rre Masisi go nna tonakgolo wa mmadikolo wa Botswana ka Phukwi 2017. Tlhôphô e, e ne e ikaegile ka karolô ya bosupa ya molao motheo wa Yunibesithi ya Botswana ya ngwaga wa 2008, e ne ele ya sebaka sa dingwaga tse tlhano.

Metswedi

Tags:

Mokgweetsi Masisi BotshelôMokgweetsi Masisi TirôMokgweetsi Masisi PhitlhêlêlôMokgweetsi Masisi MetswediMokgweetsi Masisien:President of Botswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

KanyeFrancistown Senior Secondary SchoolPearl MORAKENeo MasisiKarolwana sa MopaniNgamilandDax (moopedi)Batho basweuNayaah (moopedi)MetlhaleItaliaSempakweMisozi ZuluIan KhamaKalangaThobalanoSetsongaSojweMadridLetlhakengInalegoloMarapongAdelaide, Kapa BotlhabaDavid WoodardGMailMerwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000Districts tsa Aforika BorwaBojanala jwa lefatshe la BotswanaAlmaluez🡆 More