Jerome Ramatlhakwane

Jerome “ Jay Jay” Ramatlhakwane yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1985, kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi ale masome a mabedi le boferabongwe, ke motswana yo o tshamekang kgwele ya dinao jaaka tiro.

Mo bogompienong o tshamekela setlhopha sa Township Rollers jaaka monosa dino kana motlhasedi.

Ditlhopha Tsea Di Tshameketseng

Ramatlhakwane o tsholetswe kwa toropong ya  Lobatse.  Mo Botswana o tshameketse ditlhopha tsa Mogoditshane Fighters le Mochudi Centre Chiefs, APOP Kynarus Peyias ya Cyprus le Santos and Vasco Da Gama tsa Aforika Borwa. One a tsena mo tumalanong le setlhopha sa Mochudi Centre Chiefs ka kgwedi ya Firikgong ngwaga wa 2013. Pele ga se, Ramatlhakwane one a tshwanetse go tswa kwa setlhopheng sa Santos aya Vasco da Gama ka 2010.  Motsamao o one wa seka wa kgonagala  sebe sa phiri ele fa pampiri tsa teseletso  pereko  disa wela. Lefa go ntse jalo, tumalano ene ya fitlhelelwa mme a kgona go tsamaa ka kgwedi ya Mopitlo eseng Firikgong jaaka go ne go solofetswe pele. Oile a nosa nno mo motshamekong wa gagwe wa madibogo le setlhopha.

Tiro Kwa Mafatsheng

Ramatlhakwane oile a nosa nno ya gagwe ya ntlha mo setlhopheng se setona sa Botswana fa bane ba padimola lefatshe la Swaziland ka nno ele nngwe go lefela(1-0), ka Ngwanatsele 2006, mme a nna a tlhagelela jalo mo metshamekong ya goiponela phatlha ko metshamekong ya sejana sa mafatshe sa FIFA(FIFA world Cup qualifying matches). Ramatlhakwane  e nnile ene a nositseng nno tse dintsi, a nositse nno tse tlhano fa Botswana e iponna phatlha kwa  dikgaisanong tsa kgwele ya dinao tsa mafatshe a Aforika ka 2012 (Africa   Cup of Nations, 2012).  O nositse nno ya gagwe ya botlhano kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi ale masome a mabedi le borataro ka 2011, kwa Njamena, Chad fa Botswana ene e fenya ka nno  ele nngwe go lefela go nna lone lefatshe la ntlha go iponela phatlha kwa dikgaisanong tsa sejana sa mafatshe a Aforika ka 2012, resa balele baamogela baeng. Se ene ele kgaisano ya ntlha e tona  lefatshe la Botswana le gaisana mogo yone. One a nosa nno tse nne ka dikgaisano tsa sejana sa mafatshe aa mo borwa jwa Aforika ka 2013 ( 2013 COSAFA Cup), go akaretsa nno tse tharo kgatlhanong le Lesotho fa Botswana ene e pala goka tswa mo legatong la mantshano. Dinno tse tsotlhe di ne di  lekane go mo gapela tlotla kana seetsele sa motshameki yo o nositseng nno tse dintsi mo kgaisanong. Se gape se ile sa godisa  seabe sa gagwe mo go tsa mafatshefatshe, se mmaya mo dinnong  tse di lesome le bosupa, go roba rekote ya nno tse di lesome le borataro e e neng e tshwerwe ke motshameki ka ene Dipsy Selolwane.

Tags:

Township Rollers F.C.en:Association footballen:Botswanaen:Forward (association football)

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

SespanElizabeth IIPananaSelebi-PhikweSir Seretse Khama International AirportKangEnsaetlolopediaJDJapanDomboshaba1917Mooi River (toropo)Diprofense tsa Aforika BorwaSejeremaneShoshongQM5 NgwanatseleToropo ya MaunRossouw, Kapa BotlhabaMminoSefhareBank Windhoek19 NgwanatseleNottingham RoadSekgowaTsetsebjweZSe-dutchArtisia7 NgwanatseleBoohlePrecious GondweLetlhakaneMerwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000MaboaneSheila TlouMolalatauEastern CapeTurkeyKgaolo ya LimpopoNamaQueen Elizabeth Mma Kgosi Ya Mosadi5 Love LanguagesMmathubudukwaneMaIndiaSekereseteKgolo ya NgwanaWiki FoundationDijoRhodes, Kapa BotlhabaSetswanaLebo MathosaMonnaRussiaGOkanaiseišeneMount AyliffNoka ya NataBarcelonaMahetlweThobalanoMetsimotlhabe🡆 More