today's Featured Article

Gaborone, Sekgowa /ˌɡæbəˈrn/or /ˌxɑːbəˈrn/), ke leina le le gatisitsweng kana le le biditsweng go reelela toropo ka Kgosi Kgosi Gabarone) Gaborone ke toropo kgolo mo Botswana e na le palo ya batho ba ba 191,776 tse di gatisitsweng ka ngwaga wa 2006 go ya ka dipatlisiso, se e le sesupo sa gore 10% ya Botswana jotlhe ka bophara e kwa Gaborone.


Toropo ya Gaborone e fithelwa magare ga thaba ya Kgale le Oodi, fa nokeng ya Notwane, ko ntlheng ya borwabotlhaba jwa Botswana, gape e le gaufi le mololwane wa Aferika borwa. Toropo e e dirisa lebala la difofane la Sir Seretse Khama. Ke kgaolo ya bodiredi le boeteledipele ka bo yone, gape ke motsemogolo wa kgaolo ya borwabotlhaba. Banni ba Botswana ba bitsa toropo e ba re Gabs .

Ka gonne toropo e ga ene mathata a merafe gape e gaufi le metsi a a phepa, toropo e e agetswe go nna motsemogolo ka ngwaga wa 1960s fa lefatshe la Bechuanaland Protectorate le tsaya puso, le bo le nna lefatshe le le ikemetseng ka nosi. Mo gare ga toropo e go na le madirelo a dikgwebo, tse di bitswang mafelo a marekisetso, le mafelo a ga goromente a agilweng kwa bophirima jwa marekisetso a. Toropo e e nggwe ya ditoropo tse di golang mo lefatsheng, se se bakile mathata a tlhaelo ya lefatshe le go ipaya mo go seng ka fa molaong. Toropo e e nale dikgotlhang tse di tsenang mo lefatsheng go tswa ko Zimbabwe le Aferika borwaka ngwaga wa 1980. ►Read more

Tags:

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Nha TrangOviedoLobatseMasepala ya Walter SisuluBasarwaDijo tsa Setswana,BotswanaJapanPhatlalatso ya mêtsi le kgôpô leswê kwa MoroccoSejeremanePolandballSeroweGo runya ga bolwetsi jwa monkeypox ka 2022 kwa Aforika BorwaTewaneMerogoSetso le ngwao ya SetswanaMogomeYaa YaaNayaah (moopedi)PolotoWinnie Madikizela-MandelaMotse wa MokubiloBuka ya AmericanahBatho ba letso la SetswanaDurbanKauxwhiMakapanstadMotse wa BobonongPuiso-BathoPananaAliudMahalapyeSekgoaWikipediaKgalagadi peopleMogapiBatho bantshoMorwaValenciaSho MadjoziSelebi-PhikweWiki FoundationBophuthatswanaLamisi (moopedi)Sezulu🡆 More