Khama Iii Memorial Museum

Lefelo la mabolokelo a ditso la Khama III Memorial Museum le agilwe kwa motseng wa Serowe kwa Botswana.

Ditso

Lefelo le la mabolokelo a ditso le butswe e le lantlha ke batho ba le bantsi go tswa Serowe, Lenyeletse Seretse o ne a abela mabolokelo a ntlo ya gagwe. Lefelo le la mabolokelo le agilwe ka dingwaga tsa bo 1910. Maikaelelo a lone ele go tlotlomatsa ditso tsa batho ba Serowe. Morago ga go tlhokafala ga ga Bessie Head, mabolokelo a a ne a kgobokanya dipampiri tsa gagwe di le mmalwa, go akaretsa dintlha, ditshwantsho le tse a di kwadileng. Mabolokelo a a ntshitse lokwalodikgang lo lo bidiwang Lekgapho, lo lo anamisitsweng le Botswana ka bophara. Ka ngwaga wa 2006, go ne ga agiwa kamore ya ga Bessie Head mo mabolokelong a, le dipontsho tsa sennela ruri tsa mokwadi o. Ka kgwedi ya Phukwi, ngwaga wa 2013, mokgatlho wa ga Bessie Head o kopane le mabolokelo a a ditso, ba ne ba rulaganya bokopano kwa Serowe go ipelela segopotso sa go gatisa buka ya ga Bessie ya A question of Power. Ka ngwaga wa 2014, goromente wa Amerika o ne a abela mabolokelo a madi a dipula di le dikete tsa masome a supa le bongwe go somarela dilo tse di mo mabolokelong tse di akaretsang mekwalo ya lolwapa lwa ga Khama le dibuka tsa ga Bessie. Moeteledipele wa lefatshe la ga MmaMosadinyana kwa Botswana, Katy Ransome o etetse mangwe a mafelo a ditso kwa Serowe ka ngwaga wa 2016 kgwedi ya Phalane, mabokelo a ele lengwe la one. Lekgotla la Norwegian Agency for Development Cooperation and Danish Volunteer Service le supile kemo nokeng ya lone ka go abela mabolokelo a madi. Ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2018, moemedi wa lefatshe la Cuba kwa Botswana, Patricia L.Pego Guerra, o ne a etela mabolokelo a.

Tse di kgobokantsweng

Mabolokelo a a na le tse ba di bolokileng ka lolwapa lwa ga Khama. Mabolokelo a a na le didirisiwa tsa mmino tse di tswang kwa botlhaba jwa Kalahari. Mabolokelo a na le tse di upulotsweng fa go dirwa dipatlisiso ka merafe ya Bangwato, dilo tse di tswa bogologolong jwa nako ya ga Khama wa boraro. Tse di supilweng kwa mabolokelong a di akaretsa makwalo a a neng a kwalelanwa, dipaka le dilwana tsa ntlo, ga mmogo le dinoga le diphologolo tse di tlholegileng mo Aforika. Mabolokelo a na le tse di upulotsweng ka ditso tsa Basarwa le ditshwantsho tse di supilweng ka nakwana. Dinepe tsa phitlho ya tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana Seretse Khama le tsone di supilweng ko mabolokelong ao. Fa godimo ga seo mabolokelo a a somaretse paka tse di neng di aparwa kwa Botswana bogologolo.

Metswedi

Tags:

BotswanaKhama IIISerowe

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Cape TownPigazzanoTladistadEnoch SontongaAustraliaLeso la ga Elizabeth IINayaah (moopedi)LobatseAAldealafuenteDijo tsa Setswana,BotswanaKanyeBotswana pulaCa MauSelebi-PhikweBasarwaMokgwareBuka ya ga MomoneUSAKauxwhiFestus MogaeSomalilandMahalapyeSezuluMasepala ya Walter SisuluSho MadjoziMokgweetsi MasisiWichita, KansasAldealicesWikipediaAferikaSerón de NágimaBetheleNorth WestLetsile TebogoŁobezShakaweBophuthatswanaDiana, Kgosi ya WalesHotele ya Victoria FallsMerogo🡆 More