Donald Thobega (o tshotswe ka ngwaga wa 1974 ka kgwedi ya Phalane e le malatsi a le masome mbedi le bongwe mme a tlhokafala ka Mopitlo a tlhola malatsi a a masome mabedi le boferabobedi ka ngwaga wa 2009).
O ne a itsege thata ka leina la Boboza, e ne e le motshameki wa kgwele ya dinao wa Botswana, a tshameka mo legareng la lobala .
Motshameki wa kgwele ya dinao | |||
---|---|---|---|
Leina ka botlalo | Donald Thobega | ||
Letsatsi la tsalo | 21 October 1974 | ||
Lefelo la tsalo | Ramotswa, Botswana | ||
Letsatai la leso | 28 Mopitlwe 2009 | (aged 34)||
Lefelo la leso | Lobatse, Botswana | ||
Maemo | Midfielder | ||
Tiro ya gagwe* | |||
Dingwaga | Setlhopha | Metsh | (Dinno) |
1998–2005 | Mogoditshane Fighters | ||
2005–2009 | Botswana Defence Force XI | ||
Setlhopha sa setshaba | |||
1999–2006 | Botswana | 5 | (0) |
*Metshameko ya gagwe le dinno |
Thobega e ne e le motshameki wa kgwele ya dinao wa Botswana o o neng a tshameka jaaka motshameki o o fa gare ga motshameko. E ne e le lesole la maemo a sergeant mo sesoleng sa Botswana, o ne a tshamekela Botswana Defence Force XI. Gareng ga 1999 le 2006, o ne a fenya dikapese di le tlhano tsa setlhopha sa setšhaba sa kgwele ya dinao sa Botswana.
Thobega o simolotse tiro ya gagwe mo Botswana mo dikgaisanong tse di kwa tlase pele ga a fudugela kwa Mogoditshane Fighters ka 1998. E ne e le moemedi wa letsholo la Test For Life. Ka 28 Mopitlwe 2009, Thobega o ne a tlhokafala dibeke di le tharo morago ga go nna le seabe mo kotsing ya koloi gaufi le Lobatse. O fitlhilwe kwa motseng wa gaabo wa Ramotswa ka 4 Moranang 2009."Boboza laid to rest tomorrow". Mmegi. 2009-04-06. Retrieved 17 October 2022.
Thobega o tshotswe ka 21 October 1979. O ne a ikwadisa mo Botswana Defence Force ka 2005 mme ka nako ya loso lwa gagwe o ne a tlhatloseditswe go nna seretse. Kwa ntle ga kgwele ya dinao, o ne a nna le seabe mo letsholong la Test For Life, le le rotloetsang batshameki le barotloetsi ba kgwele ya dinao mo Botswana go tlhatlhobiwa/tlatlhobelwa HIV le AIDS.
Tiro ya ga Thobega e simolotse mo dikgaisanong tse di kwa tlase tsa kgwele ya dinao mo Botswana, koo a neng a tshamekela Mogonye Jungle Kings le Manyana Lucky Brothers."Boboza laid to rest tomorrow". Mmegi. 2009-04-06. Retrieved 17 October 2022. Ka 1998, o ne a saenelwa ke setlhopha sa Botswana Premier League sa Mogoditshane Fighters ke moeteledipele ebile e le mokatisi wa sone David Bright. O ne a dira tirisanommogo e e nonofileng ya go femela/thibela le motshameki-ka-ene Mogogi Gabonamong. E ne e le kapotene wa setlhopha sa Mogoditshane se se neng sa gapa bosimega ja Premier League ga raro ka tatelano ka 1999, 2000 le 2001. Setlhopha se gape se ne sa fenya dikgaisano tsa kgwele ya dinao ka 2003, mmogo le go fenya Botswana Challenge Cup ka 1999, 2000 le 2003.
Ka ngwaga wa 2005, Thobega o ne a tlogela Mogoditshane go ya go tsenelela sesole kwa Botswana Defence Force. O ne a nna leloko la setlhopha sa sesole sa kgwele ya dinao, Botswana Defence Force XI, mme a tlhomiwa go nna kapotene wa setlhopha. Setlhopha se fitlhile kwa makgaolakgang a Challenge Cup mo setlheng sa gagwe sa ntlha, mme se ne sa fenngwa ke Township Rollers. Mo setlheng se se latelang, ba ne ba fitlha gape kwa makgaolakgang mme ba ne ba fenngwa ke Notwane FC.
Thobega o ne a bidiwa la ntlha mo setlhopheng sa setšhaba sa kgwele ya dinao sa Botswana ka 1999. Mo ngwageng oo, o ne a dira maitlhomo a gagwe a bo ditšhabatšhaba jaaka motlhatlhami/motlatsasetlhopha. E ne e le dingwaga tse dingwe tse pedi pele ga a tshamekela naga ya gagwe gape, fa a ne a tlhagelela gape go tswa mo setilong sa baemedi. Ka ngwaga wa 2002, o ne a gapa dikgaisano tse dingwe tse tharo tsa lefatshe la gagwe. O ne a bilediwa la bofelo mo setlhopheng sa Botswana ka 9 Lwetse 2007, fa motsamaisi Colwyn Rowe a ne a tsenya Thobega mo setlhopheng se se nang le banna ba le 23 go phadisanya le Aforika Borwa. Ga a ka a tlhagelela mo motshamekong oo, mme ga a ka a tlhophiwa gape mo letlhakoreng la bosetšhaba.
Ka Mopitlwe 2009, Thobega o ne a nna le kotsi ya koloi fa a ne a boela kwa Lobatse go tswa kwa maitisong a mmino kwa Molapowabojang. Morago ga tiragalo eno, o ne a nna dibeke di ka nna tharo mo lekalaneng la ba ba tlhokang tlhokomelo e tseneletseng (Intensive Care Unit) kwa Princess Marina Hospital. O ne a tlhokafala ka ntlha ya dikgobalo tsa gagwe gone ka kgwedi ya Mopitlwe a le 28 ka 2009, mme a fitlhwa kwa Ramotswa ka 4 April 2009.
Mookamedi wa Botswana Defence Force XI Pudulogo Sokwane o ne a bua sentle thata ka Thobega, a bolela gore o ne a "tshosiwa ke loso lwa gagwe" le gore go ne go le "botlhoko tota go utswiwa naledi e e ntseng jalo". Motshameki ka ene wa setlhopha sa setšhaba sa Botswana le wa setlhopha sa Defence Force XI Nelson Gabolwelwe le ene o ne a baka Thobega, a re o latlhegetswe ke "tsala e e gaufi mo setlhopheng".
This article uses material from the Wikipedia Setswana article Donald Thobega, which is released under the Creative Commons Attribution-ShareAlike 3.0 license ("CC BY-SA 3.0"); additional terms may apply (view authors). Tshedimosetso e teng ka fa tlase ga CC BY-SA 4.0 ntle le fa go supilwe ka tsela e nngwe. Images, videos and audio are available under their respective licenses.
®Wikipedia is a registered trademark of the Wiki Foundation, Inc. Wiki Setswana (DUHOCTRUNGQUOC.VN) is an independent company and has no affiliation with Wiki Foundation.