Osama Bin Laden

Osama bin Mohammed bin Awad bin Laden (10 March 1957 go fitha 2 May 2011), o gape a twaelesegileng ka leina la Usama bin Ladin, e ne e le mothabani o o tsholetsweng kwa Saudi Arabia e bile e le mosimolodi wa mokgatlho wa ntwa wa Pan-Islamic al-Qaeda.

Setlhopha se se tlhalosiwa jaaka setlhopha sa batlhabani ke United Nations Security Council, North Atlantic Treaty Organization (NATO), European Union, le mafatshe a farologaneng. Ka fa tlase ga bin Laden, al-Qaeda e ne e le yone e dirileng ditlhaselo tsa September 11 kwa lefatsheng la Amerika le ditlhaselong tse dingwe tse dintsi tsa batho ba le bantsi go ralala lefatshe ka bophara. Ka Motsheganong 2 2011, o ne a bolawa ke masole a a kgethegileng a lefatshe la Amerika kwa lefelong la gagwe kwa Abbottabad, Pakistan.

Osama bin Laden
أسا‌مة بن لا‌د‌ن
Osama Bin Laden
Bin Laden, c. 1997–98
1st General Emir of al-Qaeda
In office
11 August 1988 – 2 May 2011
Pele Ga GagwePosition created
Morago Ga GagweAyman al-Zawahiri
Ka Ga Ena
O tsetsweOsama bin Mohammed bin Awad bin Ladin
(1957-03-10)10 Mopitlwe 1957
Riyadh, Saudi Arabia
O Tlhokafetse2 Motsheganong 2011(2011-05-02) (aged 54)
Abbottabad, Khyber Pakhtunkhwa, Pakistan
O Bolaile KeGunshot wound to the head
Moagi WaSaudi Arabian (1957–1994)
Bolele1.95 m (6 ft 5 in)
Mo/Bakapelo
Najwa Ghanem
(m. 1974; separated 2001)
Khadijah Sharif
(m. 1983; div. 1990)
Khairiah Sabar
(m. 1985)
Siham Sabar
(m. 1987)
Amal Ahmed al-Sadah
(m. 2000)
Bana20–26; including Abdallah, Saad, Omar, and Hamza
Batsadi
  • Mohammed bin Awad bin Laden (father)
  • Hamida al-Attas (mother)
Ba lolapaBin Laden family
ReligionIslam (Wahhabism/Salafism)
Military service
Allegiance
  • Osama Bin Laden Maktab al-Khidamat (1984–1988)
  • Osama Bin Laden Al-Qaeda (1988–2011)
Dingwaga tsa tiro1984–2011
RankGeneral Emir of al-Qaeda
Battles/warsSoviet–Afghan War
  • Battle of Jaji

War on terror

  • Afghan War
    • Battle of Tora Bora
  • Insurgency in Khyber Pakhtunkhwa
  • Operation Neptune Spear  

E ne ele leloko la lelapa le le humileng la ga Bin Laden, Osama bin Laden o tsholetswe kwa Saudi Arabia. Rraagwe e ne e le Mohammed bin Awad bin Laden, mohumi wa Saudi yo o tswang kwa Hadhramaut, Yemen, le mosimolodi wa komponi ya go aga, ya Saudi Binladin Group. Mmaagwe, Alia Ghanem, o ne a tswa mo lelapeng la maemo a a fa gare kwa Latakia, Syria. O tsene sekolo kwa yunibesithing mo nageng eo go fitlha ka 1979, fa a ne a tsena mo masoleng a Mujahideen kwa Pakistan a lwa le Soviet Union kwa Afghanistan. O ne a thusa go duelela Ba-Mujahideen ka go tsamaisa dibetsa, madi, le batlhabani go tswa kwa lefatsheng la Baarabia go ya kwa Afghanistan, mme a tuma thata mo Baarabia ba le bantsi. Ka ngwaga wa 1988, o ne a dira al-Qaeda.

O ne a kobiwa kwa Saudi Arabia ka 1992, a latlhegelwa ke boagi jwa gagwe kwa Saudi ka ngwaga wa 1994, mme a fudusetsa leloko la gagwe kwa Sudan go fitlha kgatelelo ya US e mo pateletsa go tsamaya ka 1996. Morago ga go tlhoma leloko le lesha kwa Afghanistan, o ne a bolola ntwa kgatlhanong le United States, a simolola metseletsele ya dibomo le ditlhaselo tse di amanang le tsone. Go nna le seabe ga gagwe mo go thuntshiweng ga dibomo kwa boemeding jwa United States ka 1998 go ne ga dira gore a tsenngwe mo lenaaneng la American Federal Bureau of Investigation's (FBI) la Ba-Fugitives ba ba Lesome ba ba Batliwang thata le Borukhutlhi ba ba Batliwa thata.

Bin Laden o ne a etelela pele ditlhaselo tsa September 11, tse di neng tsa bolaya batho ba ka nna 3000 mme tsa dira gore tautona George W. Bush a tlhasele Afghanistan le go simolola Ntwa. O ne a nna setlhogo sa go batliwa ga batho ka dingwaga di le lesome tsa boditšhabatšhaba, FBI e ne ya baya $25 million mo tlhogong ya gagwe.

Leina

Ga go letelelwe lefatshe ka bophara go ranolela mafoko a Searabia le maina a Searabra ko sekgoweng; le fa go ntse jalo, leina la ga bin Laden gantsi le tsewa jaana "Osama bin Laden".

Metswedi

Tags:

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

MunsievilleBaebeleSetšhaba sa Tlhabololo sa Afrika BorwaMr JazziQBolengOkanaiseišeneArtisiaOvistonDJ MaphorisaKarabo SampsonSekereseteGDiabo tsa Lekgotla la Thuto-Tswetsopele le KatisoMmaphashalalaRhodes, Kapa BotlhabaBukaDurbanColombiaWuhanMogoditshaneMoleloDipapisoSalajweBokone BophirimaLichtenburgNgwareEnoch SontongaSomarelang TikologoLeoto6 NgwanatseleMoretele Local MunicipalityTlhaelo ya metsi mo AforikaDikopo tsa di articleCentral Africa Time20 NgwanatseleJack Hill(motshameki wa kgwele ya dinao wa Canada)RussiaJapanLukuluTokyoAferika BorwaSepakoDipaloBubiKoranta ya MmegiChinaMetsi mo AforikaUnited States of AmericaMetsi le leswe la go tlosa leswe kwa MozambiqueLefelo la Ngoma, NamibiaMetsiEquatorial GuineaMonongGrahamstownTsetsengKing Monada🡆 More