Molapowabojang: Motsana o o mo Botswana

Molapowabojang ke motsana yo o mo borwa jwa kgaolo ya Botswana, yo o gaufi le toropo ya Lobatse gape le motse wa Kanye, e ka nna dikhilomethara tse di lesome le botlhano mo bokone-bophirima jwa Lobatse.

O nale dipalo tsa batho ba le 7500. Motsana o o ka fa tlase ga khansele ya diterelo tsa kgaolo ya borwa e diofisi tsa yone di leng kwa Kanye.

Molapowabojang
Nickname(s): 
Slapong
Motto(s): 
"Kgakala ke marung"
CountryMolapowabojang: Ditso, Popego ya lefatshe, Thuto Botswana
DistrictSouthern District
Sub-districtNgwaketse
Named forMolapowabojang River
Government
 • CouncillorSuper Letshabo (Tempolete:Polparty)
Palo batho
 (2001 census)
 • Total7,500
Demonym(s)Slaponian
Time zoneUTC+2 (Central Africa Time)
Websitehttp://www.facebook.com/groups/slapong/

Ditso

Motsana wa Molapowabojang o ne o ipelela dingwaga tse di makgolo, o sale o go simolotswe go thibelela teng ka ngwaga wa 1914. Motsana o 'nale dingwao tse di farolaganyengl' o nale batho ba ba tswang mo lefatsheng ka bophara la Botswana mme o nale batho ba bontsi go tsweng mo kgaolong ya borwa /Kgaolo ya Ngwaketse. Go dumelwa gore morafe wa Matabele o kile wa thibelela mo lefelong le mme wa le dirisa jaaka ngonti ka nako ya dintlwa tsa mmuso wa ga Mzilikazi.Se se supiwa ke dikgato tse di bonalang ma matlapeng dithaba tsa Motsenekatse le leina Motsenekatse le adimilwe go tsweng leina "Mzilikazi".

Popego ya lefatshe

Molapowabojang io agetswe fa lotshitshing la noka ,ka jalo leina Molapowabojang le raya "ditlhatshana tsa noka". Noka e e elele motse otlhe mme gape go dumelwa gore e kile ya bo e fa batho metsi a a phepa pele fa ba simolola go nwa metsi a a phepa. Go nale dithaba tse di mmalwa mo motsaneng , Motsenekatse e e leng tona ,thaba ya Chichi , Ntomalome le tse dingwe dithaba tse di nnyenyane.

Thuto

Molapowabojang o nale dikolo tse pedi tse di potana, se setona eleng Molapowabojang le Pitsonyane e bo e nna se se agilweng mo bosheng, dingwaga di ka nna lesome le bone. Godimo ga dikolo tse di potlana , go nale sekolo sa dithuto tse dikgolwane se se bidiwang , Chichi Hill, se se reeletsweng go tsweng mo thabeng e e bapileng le sone. Chichi Hill CJSSse amogela bana botlhe ba ba tlang ba tswa mo dikolong tsa Molapowabojang gape le metsana e e mabapi jaaka Kgomokasitwa, Maisane, le emengwe.

Go reka mo mabentleleng le katlametlo

Bashanka Enterprises ke nngwe ya mabentlele a magologolo mo Molapowabojang, e le bo le latelelwa ke a Moonyana, Ga Bushi, Square Deal gape le Value Stores "Choppies". Go nale katlametlo e ntsi bosigo e e akaretsang mafelo a go rekisiwang bojalwa,lefelo la itloso bodutu, Molapowabojang RecPark le le amogelang diopedi ka go farologana le tsone diopedi tsa kwa Aferika Borwa tota. Lefelo la itloso bodutu ke lengwe la mafelo a a itsegeng mo Botswana mo baetising ba masigo,bogolo jang banana.

Ditlhabololo

Banni ba Molapowabojang ba ntse ba lwantshana le kgokelelo ya metsi mo metseng, ba ne ba kgona go nna malatsi ba sena metsi ka gore ba ne ba tlisetswa metsi ka ditanka tse dineng di tlhoka go tladiwa ka metsi pele. Gompieno Molapowabojang metsi a golagantswe le kakana ya e e yang Lobatse go tlisa metsi ka nako tsotlhe. Go nale diofisi tsa baitsanape ba ba sekasekang lefatshe (GS) go lebagana le Bashanka Enterprises,ba nale diofisi tse ditona kwa Lobatse. Go nale lefelo le le amogelang baeng bogolo jang bajanala ba ba tlang ba tswa kwa ntle ga motse ba fetla.

Molato ga o ke o bola

Rre wa dingwaga tse di masome a mararo le motso wa motse wa Molapowabojang yo o lebisitsweng molato wa go thubaka koloi ya puso fa a ne a gana go tshwarwa kwa dipolaseng tsa Musi ka kgwedi ya Mopitlo ngogola, o tlaa ya go sekisiwa kwa ga mmakaseterata yo mogolwane wa Kanye, Mme Janet Phosa mo bogaufing.Go solofelwa fa rre yoo, Mogami Dijo, a tlaa ntsha boiphemelo kgatlhanong le melato e mebedi ya go gana go tshwarwa le go senya dithoto tsa puso go tsweledisa tsheko e e emisitsweng ka Sedimonthole ngogola. Go begwa fa rre Dijo a ne a fitlhelwa ka kgetse e na le dithoto dingwe ngogola ka kgwedi ya Mopitlo kwa dipolaseng tsa Musi.O ne a phuruputshwa ke lepodise fa le belaela gore o tshotse dingwe tse di utswilweng mme a tsena ka lenga la seloko. O ne a tshwarwa morago ga sebaka mme a thuba koloi ya puso ka hamole. Go begwa fa mmakasetarata a kopile gore mapodise a thuse rre Dijo go mmatlisa mosupi wa gagwe, wa letso la seZimbabwe.

Rre Dijo o ikemetse ka nosi mo tshekong eo mme o ne a tshwarisitse ba sepodise bothata ka gore o ne a batla gore Motshwarateu Kgosimotho wa Phitshane Molopo, a ntshe dinepe tsa koloi e go tweng o e sentse ka nako ya fa a dira molato.Maitsetsepelo a ga rre Dijo ke gore koloi eo e ne e sa senyega jaaka e lebega mo nakong ya gompieno mme a dumela gore mapodise ba e sentse. Ba sepodise ba bega gore ga go na dinepe dipe tse di tserweng mme rre Dijo o ne a kgopisega thata, a supa gore o bone lepodise le tsaya dinepe, ka jalo go na le bosupi jo bo fitlhwang.Mmakasetarata o ne a leka gore go tlogelwe kgang ya dinepe mme Dijo a le supa le le fa.

Go sego letsogo le le neelang

Baithuti ba yunibesithi ya Botswana ba abetse bana ba ba tlhokileng lesego dijo tsa madi a a ka tshwarang P2 000 le diaparo kwa Molapowabojang ka bofelo jwa beke.Bana bao ba akaretsa masiela, ba ba se nang tlhokomelo kwa magaeng ga mmogo le ba ba tshelang le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.Baithuti bao, ba ba dirang dithuto tse di farologaneng, ba kaile fa ba ntshitse dimpho tseo ka lerato le le mo botennyeng jwa dipelo tsa bone.Ba re ba tsere tshwetso ya go ntsha thuso eo morago ga go bona ka fa Mme Shirley Madikwe, yo o ithaopetseng go tlhokomela bana bao kwa Gamodubu a tshwereng bothata ka teng.Dr Lucky Odirile, mogolwane kwa sekoleng seo a lebagane le tsa khiro, a re o ne a lekodisa baithuti bao ka mogopolo wa go thusa Mme Madikwe, mme ba se ka ba ipona tsapa.

Dr Odirile o tlhalositse fa ene le ba lelwapa la gagwe ba ne ba simolola go neela bana bao dijo tsa P5 000. ka ngwaga wa 2009, mme ba itlamile go dira jalo ngwaga le ngwaga.A re baithuti bao ba ne ba ipaya mo seemong se Mme Madikwe a leng mo go sone, mme ba nna moono mongwe ba bo ba dumalana gore mongwe le mongwe wa bone a ntshe P100. go kokoanya madi ao. Baithuti bao ba ne gape ba neela mme yoo P1 000.Mongwe wa baithuti, One Siako, o tlhalositse fa e le la ntlha ba abela bana bao dimpho, a re maikaelelo ke go thusa bana bao ngwaga le ngwaga.A re keletso ya bone ke go bona bana bao ba tshela sentle ba na le seriti se se ba tshwanetseng jaaka e le dibopiwa tsa Modimo.E rile a amogela dimpho tseo, Mme Madikwe a leboga baithuti bao, a re se ba se dirileng ke tiro e ntle e e tshwanetseng ya nna sekao mo bananeng ba bangwe ba lefatshe leno. O bile a leboga dikompone ka go farologana go bo di supile mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko ka go thusa bana bao ka dithuso tse di farologaneng.

Dikgoge tsa kwa ntle

Botswana Lobatse

O ka tsibogela

  • Dikgaolo-potlana tsa Botswana

Dipadi tsa kwa ntle

Tempolete:Districts of Botswana













Setlhopha sa Facebook

Tags:

Molapowabojang DitsoMolapowabojang Popego ya lefatsheMolapowabojang ThutoMolapowabojang Go reka mo mabentleleng le katlametloMolapowabojang DitlhabololoMolapowabojang Molato ga o ke o bolaMolapowabojang Go sego letsogo le le neelangMolapowabojang Dikgoge tsa kwa ntleMolapowabojang O ka tsibogelaMolapowabojang Dipadi tsa kwa ntleMolapowabojangBotswanaKanyeLobatse

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Lekgotlana la Botswana Scouts AssociationLucas Manyane MangopeBatho basweuSekalakaBangwaketseBotswana Communications Regulatory AuthoritySetšhaba sa Segosi sa BafokengSespanHenley on KlipPhetogo ya seemo sa loapi mo AforikaKgosi ya Bangwaketsi, Seepapitso wa IVSesothoSetiloGaboroneSetlhopha sa MatsiengYSelemoTMminoTshotlakako Mo Basading Le BanaTemoSetso sa SetswanaNamibiaPrince PhilipKapa BophirimaElizabeth IISt. Petersburg, FloridaHDomboloHukuntsiPulaAfrican UnionMetsi le leswe la go tlosa leswe mo Afrika e e kwa borwa jwa SaharaLesego MoengItaliaAberdeen, Kapa BotlhabaUSumaiyah MaropeXPolotoMaeleAustraliaBokspitsMmidi/MmopoRussiaObed Itani Chilume StadiumForaMain PageMerwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000MerogoWKyotoSerongaKwaZulu-NatalBotswana Defence ForceSDijoBokone BophirimaLerapoMaunJChileKhudutlhamaga ya BotswanaSegokgo🡆 More