Matlapana

Matlapana ke motsana yo mo kgaolong ya bokone bophirima jwa Botswana O mo bokone-botlhaba jwa toropo ya Maun Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete le makgolo a mane le masome a mararo le borobabongwe.

Matlapana is located in Botswana
Matlapana
Location of Matlapana

Banana ba nesetsa mananeo a puso pula

Banana ba Ngami ba neseditse pula mananeo a masha a puso e tlaa bong e a baya pele Batswana go simolola Moranang monongwaga. Mo diphuthegong tsa kgotla tse di ntseng di buisiwa ke mopalamente wa Maun Botlhaba, rre Frank Ramsden, bontsi jwa banana bo atlile mananeo ao, bogolo jang la CEDA le le tlaa bong le itebagantse le go thusa banana ba ba dingwaga di 18 go ema ka 35 ka madi go gweba ka temo-thuo.Le fa go ntse jalo, bangwe ba banana ba tlhalositse fa go santse go na le difatlhi tse di ba emeng pele go ka tla go akola lenaneo leo.Botshologile Thutoetsile yoo dingwaga di 31 wa motse wa Thamalakane, o ne a bolela fa a sale a ikopetse setsha sa tshimo ka 2002, mme nako kgolo ke eno.O boletse fa a bone ba ofisi ya kabo ditsha mo Maun makgetho a le mmalwa mme go se nko e tswang lemina.

O tlhaloseditse batsena phuthego kwa Thamalakane gore ba diofisi tseo ba mo tsenya mo ofising e, gotwe a tsene kwa go ele, mme o iteile sefololetse mo maetong ao otlhe.E rile a itebaganya le selelo sa gagwe, rre Ramsden a bolela fa go se motlhofo go akgela mo kgannye ya gagwe, ka jaana le bone ba ofisi eo ya kabo ditsha ba ne ba sa pata mopalamente kwa motseng oo go ka tlhalosa botoka. O ne a gakolola monana yoo go ikatumetsa mokhanselara wa kgaolwana eo go mo lekodisa.Mokhanselara Isaac Phoi wa Boseja le ene o ne a otlelela mafoko a mopalamente gore e le mokhanselara, o foo ka bone, ka jalo ba se ka ba nna ba emela mopalamente go go ntsha dingongorego tsa bone.Mo potsolotsong le BOPA Thutoetsile o boletse fa e le molemi morui yo mmotlana, a fetsa nako e ntsi kwa morakeng a tlhokometse leruo la ga bone. O boletse gore o emetse lenaneo leo la banana ka matlho a mahibidu ka e bile ene a batla go lema dijo tsa dikgomo.O boletse fa selelo sa gagwe se se sesha. Rre Thutoetsile o bile a galaletsa puso go bo e okeditse dingwaga tsa banana ba ba ka thusiwang kwa go 35.

Dipharagobe tsa kgaolo ya Ngami

Monna yo o dingwaga di masome a matlhano le boraro wa motse wa Matlapana mo kgaolong ya Ngami o tlhokafetse morago ga go nwela mo nokeng ya Gomoti gaufi le motse wa Shorobe mo bosheng go le bosigo. Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Maun Assistant Superintendent Thusoemang Letibirwa o boletse fa go kaiwa gore rre yoo o ne a itisitse kwa motseng wa Shorobe mme ya re mo maitseboeng a laela a re o bolela kwa Matsaodi ka di 31 tsa kgwedi e e fitileng.Go kaiwa fa e rile kgwedi eno e tlhola gabedi ba lelwapa ba itsise mapodisi gore ga ba ise ba mmone, a re ba ne ba itsese ba sesole mme ba simolola go mmatla mo nokeng kwa serepa sa gagwe se bonweng teng kgwedi eno e tlhola gararo.Ramapodisi a re se se gakgamatsang ke gore moswi o tswa go bonwa a setse a tlodile dinoka tse tharo, a re ba lemogile gore o ka tswa a wetse mo nokeng ka motlhala wa gagwe o ne wa supega fa o feletse mo nokeng ya Gomoti.A re serepa se sa ntse se le mo setsidifatsing sa kokelo ya Letsholathebe go tlhatlhobiwa ke dingaka fa maina a sa ntse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsisiwe, mme ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di sa ntse di tsweletse.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Assistant Superintendent Letibirwa a re ba ne ba begelwa kotsi e e diragetseng mo mosong wa kgwedi eno e tlhola garataro mo tseleng ya Sedie kwa Maun, fa mokgweetsi wa koloi ya Toyota Corolla a thula pitse e e neng e tlola tsela.A re koloi eo e ne e na le bapagami ba le bane go balelwa le mokgweetsi mme ba le bararo ba ne ba alafiwa ba bo ba gololwa fa yo mongwe e ne a sa ntse a le mo kokelong ka dikgobalo tse di masisi.A re mokgweetsi wa koloi eo, yo o dingwaga di 21 wa motse wa Matlapana o ne a se na setlankana sa go kgweetsa gape a le mo kgatelelong ya bojalwa e bile a siana ka lebelo le le feteletseng.O boletse fa e tlaa re mo bogaufing a itshupe kwa kgotleng ya ga mmakaseterata go lebisiwa molato. O tlhalositse gore fa a ka bonwa molato o ka lefisiwa madi a a sa feteng dikete tse di lesome.

Dikgoge tsa kwa ntle

Maun Botswana Nata

Metswedi


23°32′28″E / 19.91167°S 23.54111°E / -19.91167; 23.54111

Tags:

Matlapana Banana ba nesetsa mananeo a puso pulaMatlapana Dipharagobe tsa kgaolo ya NgamiMatlapana Dikgoge tsa kwa ntleMatlapana MetswediMatlapanaBotswanaMaun

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

King MonadaNgwao ya BotswanaMosolotshaneBotswanaPostGautengAdina (moopedi)RamotswaLichtenburgBarbara MasekelaSe-dutchBokone BophirimaWiki FoundationSorry (Pina ya ga Justin Bieber)PhalaborwaChileDitlamorago tsa phetogo ya loapi mo temothuongBolwetse jwa Mogare wa Khorona 2019Motsana wa MolapowabojangForaWolfson StadiumLefelo la diphologolo la KhutseSetso le ngwao ya SetswanaUgie, Kapa BotlhabaTepo LoapiDumelang SaleshandoPhiriGrahamstownDiprofense tsa Aforika BorwaKE NE KA RATA KGAREJWANA1917AferikaLimpopoSekgalagadiMohlakengPaul Smith (defensive end)Adelaide, Kapa BotlhabaSetswanaAforika BorwaMetsiMonwaneGo runya ga bolwetsi jwa monkeypox ka 2022 kwa Aforika BorwaWikipedia Zero (Setswana)AustraliaThuto Isago TrustKgomo ya TswanaMathangwaneMoshupamain pageGoshweMasepala sa MoreteleMmidi/MmopoTupac ShakurNelson MandelaBasupi ba ga JehofaTlhaolele mo Aforika BorwaMandisa MayaMasepala sa Ba-PhalaborwaMMmanokoRussiaBatho ba letso la SetswanaSegwapa🡆 More