Toropo Ya Jwaneng

024°43′45″E / 24.59806°S 24.72917°E / -24.59806; 24.72917

Jwaneng ke toropo e e mo kgaolong ya Borwa jwa Botswana, mme ga e bontlha bongwe e, ka go nna kgaolwana, ka lekgotla la yone.

Jwaneng is located in Botswana
Jwaneng
Jwaneng
Location in the Southern District of Botswana

Ditso

Toropo e e tlhamilwe go dikologa moepo wa teemane wa Jwaneng, o o tsewang e le mengwe ya meepo e e humileng mo lefatsheng ka bophara ka diteemane tsa one tsa maemo a a kwa godimo. Pele e ne e le "toropo e e tswalegileng", se se raya gore fa motho a botla go ya teng o ne a tlhoka teseletso go tsweng kwa beng ba moepo, Debswana.

Dipalamo

Toropo le moepo di ne di direlwa ke kompone ya dipalamo tsa difofane ya Jwaneng.

Jwaneng o gatela pele

Mothusa Ratoropo wa pele wa Jwaneng, Rre Moshe Gare a re toropo ya Jwaneng e gatetse pele mo ditlhabololong di tshwana le dikole, dikokelwana le mafelo a mnagwe a setshaba se bonang dithuso mo go one. A re dikole tsa Jwaneng tse dikgolwane di tsweletse ka go dira bontle fela thata. Rre Gare a re mo bogompienong, toropo ya Jwaneng e na le dikokelwana di le tharo nngwe ya tsone e le e e belegisang. A re dikokelwana tse ga di a itebaganyana le banni ba toropo eo fela, mme di thusa le ba metsana e e mabapi. O tlotlomaditse lefelo le le tlhokomelang bana la Mpule Kwelagobe Childrens Centre a re le thusa bana, sebe sa phiri ke gore le lenabwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo, mme a gwetlha Batswana ka kakaretso go otlolola letsogo go thusa. A re go na le bana ba ba fetang masome a mabedi ba ba santseng ba letile go ya go nna teng mme ka ntata ya letlhoko ga go ise go kgonege. Tse dingwe ditlhabololo a re ke tse di tsisitsweng ke dikompone tsa Cut 8 tse di hirilweng ke moepo wa Debswana.A re dikompone tse di tlhamile mebereko e bile di tsisitse ditlhabololo.Rre Gare o supile fa nako ya boipuso e le sebaka se Batswana ba tshwanetseng go ikanoka ba lebe kwa ba go tswang le kwa ba go yang.

Dikgoge tsa kwa ntle

Dipadi tse dingwe

Tempolete:Botswana largest cities

Toropo Ya Jwaneng Pego e, e nnyane. O ka thusa Wikipedia ka go e oketsa.

Tags:

Toropo Ya Jwaneng DitsoToropo Ya Jwaneng DipalamoToropo Ya Jwaneng Jwaneng o gatela peleToropo Ya Jwaneng Dikgoge tsa kwa ntleToropo Ya Jwaneng Dipadi tse dingweToropo Ya JwanengGeographic coordinate system

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

WCarrot cakeBotswanaMochudiGuangzhouMegan Kate ColemanDombolo1999 Air Botswana ATR 42 crashChimamanda Ngozi AdichiePhetogo ya seemo sa loapi kwa KenyaSeforaMabeleEastern CapeLobatseMantshwabisiASterkspruitQLebo MathosaMainakgobokaSetso le ngwao ya SetswanaNkoLesakaGonutsugaNValenciaKE NE KA RATA KGAREJWANADuma BokoNorwayFrancistownMatlakala a masweu6 NgwanatseleTshotlakako Mo Basading Le BanaDimajwe15 NgwanatseleRio de JaneiroDavid MagangGeorge VISDavid WoodardGo Tlhaola Batho ka BongNgwanaMokgwetsi MasisiSelepeBogotáBogadiTianjinBotswana pulaSetlhopha sa setshaba sa kgwele ya dinao sa BotswanaDutlwe14 NgwanatseleHCKolonkwaneNanjingDikgaisano tsa metshameko ya 2010 COSAFA U-20 CupMoreetsi MosimanyanaKokelo ya Molepolole (Scottish Livingstone)Lebala la metshameko la motse wa SeroweLetlhôkô la metsi mo AferikaSegajaja sa Covid-19 mo BotswanaBubi🡆 More