Dukwi

Dukwi ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana.

O ikaegile mo tseleng e kopanyang le ya Francistown fa o ya motseng wa Nata. Mo palong ya batho ya ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le 1,901. Mo dingwageng tse fitileng motse o o satswa go nna mengwe ya boemelo jwa dibese fa o tswela ntheng ya Bophirima jwa Botswana bogolo jang fa baeng ba batla go reka le go etlela mafelo a itloso bodutu.

Dukwi is located in Botswana
Dukwi
Location of Dukwi

Teng mo lefelong le go lefelo le le itseng thata la batshabi gotsweng mafatsheng a a farologanyeng le le bidiwang Dukwi Refuge Camp. Go tlhalosiwa fa go kile ga nna batho ba ka nna 10.4 million. Se se tlile morago ga gore UNHCR e tlhophe lefelo le mo Botswana go amogela batshabi go tsweng mafatsheng a a farologanyeng mo Africa .

Ditso tsa Dukwi

Kgosi ya motse wa Dukwi, Kgosi Bohedile Tlwaelang ke ene moeteledipele wa motswe o, le fa go ntse jalo banni ba motse wa Dukwi ba santse ba tshwareletse thata bogolojang mo ngwaong ya bone. Gantsi teme e e buiwang mo motseng o ke ya Kalanga, se se bakwa ke gore thotoetso ya ngwao ya sekalaka e tseneletse thata mo motseng o. Le ntswa banni ba motse e batho ba merafe e e farologanyeng, go rena thata morafe wa sekalaka. Dukwi ke metse e e rileng go tsweng ka nako ya lowa wa bo ntse o le teng, mo nakong ya gompieno ke motse o golang ka mmetela .

Dikgwetlho tsa motse

Kgosi ya motse o tshwentswe thata ke ditiragalo tse di tletseng mo motseng wa Dukwi tse mo go tsone batho bangwe ba gwebang ka dithoto tsa dithuso tsa bopelotlhomodi. Rre Tlwaelang fa a buisa moletlo o o neng o rulagantswe ke ba twantsho ya matlhoko a leruo ba kampa ya Dukwi ba ba neng ba abela batlhoki le dikhutsana dikobo di le masome a mararo.E rile a ntsha lefoko la kgalemo, Kgosi Tlwaelang a re "E setse e le selo modiro gore batho ba motse oo le e e mabapi ya tengnyana teng ya Malelejwe", Tshwaane le Njutshaa ba gwebe ka dithuso tsa bopelotlhomogi jaaka dijo tsa dikhutsana.

A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore batho ba go nna jalo ba ananya dithoto tse ka dilo tse di se nang mosola jaaka bojalwa, mme e bile go supa gape fa batho bangwe ba ba tshwanetseng go tlhokomela bana le bogole le bagodi ba sena lerato mo go bone ka le bone ba na le seabe mo go rekiseng dithoto tseo.A re go tlhokega gore go nne le tsamaiso ya gore batho ba ba rekisang dithoto tse ba thusiwang ka tsone jaaka dijo le diaparo, ba ntshiwe mo mananeong a boipelego ka go supa fa ba sa tlhokane le tsone.O bile a kopa ba ofisi ya boipelego mo motseng oo gore fa ba na le bosupi jwa gore bangwe batho ba gweba ka dithoto tse ba di fiwang ba bule tsheko kgathanong le bone kwa kgotleng.

Seemo sa Polotiki

Motse wa Dukwi fela jaaka metse e mengwe o nale baemedi ba diphathi tse di farologanyeng go emela banni ba motse kwa palamenteng. Diphathi tse di thumileng thata mo motseng o ke tsa; Botswana Democratic Party, Botswana Movement For Democracy, Botswana Congress Party tse eleng tsone tse di iteisanyang borathana mo motseng. Mopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta Rre Rayner Makosha ke ene moemedi wa kagolo kwa palamenteng. O sale ka a fentse ditlhopho tsa ngwaga wa 2009 a sena go iteisnya borathana le mapalamente a diphathi tse dingwe.Seemo sa itsholelo ya motse o se ikaegile thata ka mananeo a goromentego thusa Batswana go tswa mo lehumeng, ka jalo a kgothatsa Batswana ba ba nang le bokgoni go tsenya letsogo.

Ditirelo tsa Meepo

Go sa tswa go bulwa moepo gaufi le motse wa Dukwi o o bidiwang Mowana Mine, ke ngwe ya ditlhabololo tse di tlisiwang mo motseng o ka badiri ba moepo o ba ikaeletse go berekisanya le banni ba motse. Ditirelo tsa moepo go tlhalosiwa fa di thusa go bulela mebereko gore banni ba kgaolo ba bone ditiro. Moepo wa Mowana o itsege thata ka go epa kopore e e thusang mafatshe ka bophara segolo bogolo a a mo Aferika. Mogolwane wa ofisi ya matlhoko a leruo, Rre Gareutlwane Gaopatwe o ne a tlhalosa fa ofisi ya bone e tswa kgakala ka ditiro tsa bopelotlhomogi ka jaana e setse e agetse motlhoki mongwe ntlo kwa Nata, e bile e rile monongwaga ka kgwedi ya Lwetse ba ne ba rekela motlhoki mongwe dijo, diaparo le go mo fa madi a a ka tshwarang P900 fa godimo.A re ba dumela gore go dira jalo ba mo motlhaleng wa se se thailweng ke Tautona e leng go fa Batswana ba bangwe seriti mo botshelong le go thusa go nyeletsa lehuma.

Dipadi tse dingwe

Tsiboga

Dukwi

Tempolete:Botswana largest cities

26°32′3″E / 20.58750°S 26.53417°E / -20.58750; 26.53417

Dukwi Pego e, e nnyane. O ka thusa Wikipedia ka go e oketsa.

Tags:

Dukwi Ditso tsa Dukwi Dikgwetlho tsa motseDukwi Seemo sa PolotikiDukwi Ditirelo tsa MeepoDukwi Dipadi tse dingweDukwi TsibogaDukwiFrancistownNata

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Tianjin5 Love LanguagesGuangzhouKgotlaMatlhakoCharles Segal (motshameki wa piano)15 NgwanatseleKapa BokoneLerapoSetso le ngwao ya SetswanaRussiaManyana Rock PaintingsMaria BashirPhatlalatso ya metsi le kgopo leswe mo Aforika BorwaMandisa MayaElizabeth IIMadridBojanala Platinum District MunicipalityBatho ba Letso la Zimbabwe mo BotswanaLaeborari ya RandburgKarengCarrot cakeXKomaniMohlakengIan KhamaLobolaMetsi mo AforikaDijoYunibesithi ya Aforika BorwaYokohamaPhalaborwaGo Tlhaola Batho ka BongBokone BophirimaNoka ya SemowanePhiriMasepala sa Greater LetabaFesheneSe-dutchLimpopoMonwaneEdirneMoshupaLetsile TebogoKebatshabile Disele14 NgwanatseleNgwanaTlhaolele mo Aforika BorwaPuo ya SekalakaKwaZulu-NatalNelson MandelaAustraliaBogotáMerwalela ya kgaolo ya Borwa jwa Aferika ka ngwaga wa 2010–2011Rajamangala University of Technology, Nan Campus StadiumChongqingThadiso ya kharikhulamoMount FletcherMakwateAfrican UnionModjadjiskloof🡆 More