Ditirelo Tsa Motlobo Wa Dibuka Tsa Botswana

Ditirelo tsa motlobo wa dibuka tsa Botswana ke tleseletso ya go letlelela bakwadi go anamisa dibuka tsa bone mo Botswana.

Ditirelo tse di buletswe semmuso ka Phukwi a tlhola boferabobedi,ngwaga wa 1968.

Tebelopele ya setshaba ka metlobo ya dibuka

Botswana o iphitlhela mo lobakeng lwa ditiragalo tse mo go tsone dikakanyo tsa batho le dilo tse di tlhokegang di fetogang ka bofefo jo bo gakgamatsang.Batho ba tshwanetse go inaakanya le diphetogo tse di diragalang momafatsheng otlhe mme e re ba dira jalo ba bo ba tlamparetse tse di siameng tsa ngwao ya bone tse di re farologanyang le dichaba tse dingwe. Ka jaanong e le dingwaga di le masome mararo re ntse re ipusa, re tshwanetse go akanya ka ga tse dintle tse di fetileng le gore re dirile go le kae go di kgona. Mme e re go ntse jaana, re akanye re bo re lore tse di tlang tse dintle. Re tla a bo re le sechaba se se ntseng jang ka 2016, ngwaga wa dingwaga tse di masome matlhano re ntse re ipusa? Diphetogo tse re batlang go di dira di tla a tsaya lobaka. Dingwaga tsa diphetogo tse di tla a akaretsa tokafatso ya thuto le botsogo. Jalo he, re tshwanetse go lebela kwa pele thata gore re tsaya ditsela tse di ntseng jang. Gore re ipaakanyetse phetogo ya itsholelo ya mafatshe otlhe le botshelo jwa batho, a re dirise dipaka tse di re tlelang ka botlalo. Dilo tse re batlang go di dira di tla a nna le mathata a re sa kakeng ra a solofela gompieno. Re tshwanetse go nna re fetola dilo re digile dibete re le pelokgale.Re tshwanetse go ineela go fetola dilo mo go tla a solegelang lefatshe la rona molemo. Ga go na yo o ka re di fetolelang. Diphetogo tse di raya gore re dire ka natla, mme tuelo e tlaa nna tswelelo ya rona rotlhe.

Tiriso ya maranyane a enthanete mo metlobong ya dibuka

Mogolwane wa motlobo wa dibuka kwa Maun Rre Mackenzie Moabi, a re ba mo maikaelelong a go atlega mo letshegong la ntlha la go nna tshaba e e rutegileng, e e nang le kitso.A re setshaba se tshwanetse sa itse gore motlobo wa dibuka o ka ba thusa jang.O kopile setshaba go dirisa sebaka sa go dirisa maranyane a inthanete a mahala, gore e re nako e e tlang ba bone maduo a a botoka. Rre Moabi o buile jalo mo puisanong le lekalana la BOPA bosheng.O tlhalositse fa lenaneo la Sesigo gammogo le ithutuntsho e e neng ya dirwa ka kgwedi ya Phatwe monongwaga e le tsone tse di rotloeditseng batho go tla ka dipalo tse dintsi go amogela le go tlhaloganya tiriso ya inthanete.O boletse fa boranyane jo bo kgatlhegelwa ke bagolo, banana le bana, o ne a re banana gantsi ba e dirisa go intsha bodutu ka go tlhaeletsana le ba bangwe ka go dirisa maranyane a a gokaganyang ditsala le masika.A re bangwe ba badirisi ke ba dikgwebo tse dipotlana ka ba tla ba e dirisa go botsolotsa le go batla maano a go godisa dikgwebo tsa bone le go bona gore ba ka di tiisa jang.O rile dipalo tsa bagolo le banana di godile go tswa mo go sekete go ya kwa diketeng tse pedi go tswa ka kgwedi ya Mopitlo go fitlha mo nakong ya gompieno.A re ka letsatsi, ba nna le badirisi ba ba ka tshwarang makgolo a mararo le masome a matlhano.Rre Moabi o supile fa go na le dikgwetlho, a re nngwe ya tsone ke go kgaoga ga inthanete kgapetsakgapetsa. O rile jaanong se, se dira gore badirisi ba yone ba se ka ba nna le tshepo e e kalo mo go yone.

Lephata la thuto le tlhabolola kitso mo metlobong

Lephata la Thuto le Tlhabololo Kitso le na le boikarabelo jwa kgolo ya baithuti ba dingwaga tse di farologanyeng mono Botswana. Molao wa thuto (Education Law) o simolotse ka ngwaga wa 1966 ka nako ya boipuso jwa lefatshe leno. Ka 2001 Lephata le ne la semilodisa lenaneo le lešha la thuto le le akaretsang dingwaga tse supa Poraemari, tse tharo tsa sekontari tse di potlana, le tse pedi tsa sekontari e kgolwane. Lephata la Thuto le ma le boikarabelo bongwe jo bo faphegileng. Boikarabelo jo jwa go tlhabola thuto bo akaretsa:

· Go fa sebaka go tsena sekolo se se lekanang go tlhabolola kitso le thuto.

· Go somarela tlhabololo thuto bodiredi

· Go fa le go rurufatsa thuto le tlhabololo kitso ya maemo a a kwa godimo

Dikgoge tsa kwa ntle

Botswana Botswana Library Association

Dipadi tsa kwa ntle

A site about its history

Tags:

Ditirelo Tsa Motlobo Wa Dibuka Tsa Botswana Tebelopele ya setshaba ka metlobo ya dibukaDitirelo Tsa Motlobo Wa Dibuka Tsa Botswana Tiriso ya maranyane a enthanete mo metlobong ya dibukaDitirelo Tsa Motlobo Wa Dibuka Tsa Botswana Lephata la thuto le tlhabolola kitso mo metlobongDitirelo Tsa Motlobo Wa Dibuka Tsa Botswana Dikgoge tsa kwa ntleDitirelo Tsa Motlobo Wa Dibuka Tsa Botswana Dipadi tsa kwa ntleDitirelo Tsa Motlobo Wa Dibuka Tsa BotswanaBotswana

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Itumeleng DuikerSamantha PoxinosMoleloBophuthatswanaSetsongaAferikaMaeleAlexandria, Kapa BotlhabaDijoTianjinSetlhakoApoleAthaliah MolokommeMashonaland East ProvinceNgwanaNamibiaKgomo ya TswanaWuhanMosolaRussiaMotse wa RadiseleWikipediaForaMochudiKing MonadaHong KongLebala la metshameko la molepololeBotswana TVCarrot cakeMahikengSeburuSekereseteSempakweSethosaPhuthego ya Botswana Movement for DemocracySerón de NágimaKgalagadi Breweries LimitedOmkar Prasad BaidyaBaebeleGlody DubeNokanengMain PageThobalanoNtatePolokwaneMminoOsama bin LadenSetlhaketlhake sa ImpalilaMetsiBokone BophirimaUSASegajaja sa Covid-19 mo BotswanaRamotswaLefelo la diphologolo la Central KalahariPokoSefora🡆 More