Jeso Keresete: Morwa Modimo

Jeso Keresete o itsegeng gape e le Jeso wa Nazareth kana Jesus Christ ka sekgowa e ne ele moruti wa Bajuda gape e le mogolwane wa tumelo.

Badumedi ba bakeresete ka bontsi ba dumela gore ke morwa Modimo.

Jeso Keresete
Jeso Keresete: Go ya ka ba bangwe, Metswedi
Jeso Keresete a bapotswe mo Serapanong
Ka ga gagwe
Tsalo4 BC
LesoAD 30 ( a nale dingwaga di le 33 goya ko tse 36)
Jerusalema
Se se bakileng lesoO bapotswe
BatsadiJosefa le Maria
O itsege kaMorwa Modimo wa Bakeresete

Bontsi go ya ka segologolo ba dumela gore e ne ele moJudah go tswa ko lefelong le le bidiwang Judea, ko toropong e e bidiwang Nazareth, ye gompieno e bidiwang Israel. Gape ba dumetse gore e ne ele Moruti gape ga hodisa, le gore o kolobeditswe le Johane wa mokolobetsi. Ba dumela gape gore o bapotswe mo sefapanong a swela dibe tsa bone, le gore o ne a tsoga morago ga malatsi a mararo.Jeso o na a ruta go rata le go itshwarela ba bangwe, ga mmogo le go nna boikobo mo tumelong. O ne a ruta thata ka bogosi jwa Modimo le gore bogosi jwa Modimo bo gaufi. O ne a ruta gore ba ba ithokomolosang Modimo ga ba tshwanelwe ke masego a gagwe, mme Modimo o tla ba itshwerela fela fa ba ikopa maitshwarelo.

Go ya ka ba bangwe

Jeso ke Moruti

Batho ba bangwe ba e seng bakeresete ba ba neng ba tshela ka nako ya tumelo, ba ne ba sa dumele fa Jeso e le morwa Modimo. Ba ne ba dumela gore e ne ele mothofels o siameng, gongwe Moruti kana moporofita.

MaIslam ba dumela fa e le morongwa wa bobedi

MaIslam ba dumela fa e ne e le morongwa wa bobedi go ya ko bofelong. Ba dumela fa Muhammad e ne ele moporofita wa bofelelo. Gape ba dumela gore Jeso le Muhammad e ne ele batho fela ba ba thopilweng ke Modimo, Jaaka baporofiti.

Metswedi

Tags:

Jeso Keresete Go ya ka ba bangweJeso Keresete MetswediJeso KereseteSekgoa

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

Batho basweu4 NgwanatseleSADiLaRBatho ba letso la SetswanaKapa BophirimaSe-dutchLesakaBojanala jwa lefatshe la BotswanaForaSepatelaMabalane, BotswanaKgosi ya Bangwaketsi, Seepapitso wa IVVWikipediaIMerwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000PulaNyalo-lefufa mo BotswanaMmidi/MmopoSezuluKaudwaneSelepeChobe National ParkBadimoOQCharles IIIMetsi mo AforikaHong KongArancónMetsiMogorosiSesothoCape TownForeistataPalapyePhatlalatso ya metsi le kgopo leswe mo Aforika BorwaTThuto mo Aforika BorwaLewis HamiltonMabeleBophuthatswanaSedirisiwa ebong MakoroWiki FoundationMoleloRussiaRSeburuMerwalela ya kgaolo ya Borwa jwa Aferika ka ngwaga wa 2010–2011Thadiso ya kharikhulamoBaebeleKwaZulu-NatalMaranya a KakanyoDumplingNama ya SeswaaSetlhopha sa MatsiengDTemo🡆 More