Dijo

Dijo ke sengwe le sengwe se se jewang go tsenya dikotla mo mmeleng.

Dijo di tswa mo dimeleng kgotsa mo diphologolong, mme di na le dikotla tse di botlhokwa jaaka mafura, di porotheini, di vithamini le di minerale. Sejo se jewa ke setshidi mme se tsene mo dikarolong tsa mmele go tlisa maatla le go tlisa kgolo ya mmele.

Dijo
Dijo ka go farologana
Dijo
Dijo tse di tswang mo dimeleng

Bogologolo batho ba ne ba bona dijo ka mefuta e le pedi: go tsoma, go bapala le go lema. Gompieno bontsi jwa dijo tse di tlhokwang ke batho mo lefatsheng di dirwa mo madirelong a dijo.

Pabalesego ya dijo le go bona gore dijo di nna teng go lebeletswe thata ke makalana a tshwana le International Association for Food Protection, World Resources Institute, World Food Programme , Food and Agriculture Organisation le International Food Information Council. Makalana a a itebaganya le dikgang tsa tswelelopele, phetogo ya loapi, tsa tshomarelo dikotla, kgolo ya dipalo tsa batho, kgokelo ya metsi le go bona dijo.

Go bona dijo ke tshwanelo ya motho mongwejaaka ha go kailwe mo International Convenant on Economic, Social and Cultural rights (ICESCR) go lemogwa gore motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya botshelo jo bo lolameng, go akaretsa dijo tse di lekaneng le go tlhoka go bolawa ke tlala.

Metswedi ya dijo

Dijo ka bontsi di tswa mo dimeleng. Tse dingwe di tswa ka tlhamalalo mo dimeleng mme le diphologolo ke dijo ka gore di godisiwa ka go jesiwa dijo tse di tswang mo dimeleng. Dijo tsa losika loo mabele ke tsone gantsi e leng tse di jewang thatamme e bile di fang maatla lefatshe ka bophara go feta dijo tse dingwe tse di jetsweng. Mmidi, korong le raese ka mefuta yotlhe ya tsone di balelwa go masome a ferabobedi le bosupa mo lekgolongla dijo tse di tswang mo dimeleng mo lefatsheng. Bontsi jwa losika loo mabele le le lemiwang le jesiwa diruiwa.

Dijo dingwe tse di sa tsweng mo diruiweng le mo dimeleng di akaretsa maboa. Go dirisiwa megare mengwe mme e bedisiwe le dijo tse di nang le setlhokwana sa asenejaaka borotho jo bo tsentswentsweng sebidiso, bojalwa, chesi le kombucha le madila a a tswakilweng. Mofuta o mongwe o akaretsa semela metsing se se tala jaaka sepirulina. Go na le dijo tse dingwe tse di tshwanang le matswai sebidiso sa borotho le cream of tartar a a dirisiwang go babalela dijo gore si seka tsa senyega.

Types of food

See also

Notes

Tags:

Dijo Metswedi ya dijoDijo Types of foodDijo

🔥 Trending searches on Wiki Setswana:

MahikengThobalanoMolepololePhumzile Mlambo-NgcukaUnity DowBarokologadi ba Ga MaotweLItaliaTlhaelo ya metsi mo AforikaRodipoto9 NgwanatseleKopongForeistataUSACuritibaMmadikolaSekolo sa Botswana-Harvard AIDSSetlhaketlhake sa ImpalilaKgaolo ya LimpopoMaunAndrew SesinyiMpumalangaLokgwabeThadiso ya kharikhulamoEastern CapeSojweMoshupaMotse wa MabesekwaMosadiMaKhaladiKudumatseApoleShoshongWikipediaBatho basweuTonotaMotsana wa TshokatshaaAferikaKachikauIBadimoShakaMerogoSekgowaMasepala sa Greater LetabaTurkeyGaona DintweSegokgoBuka ya Phetlogo ya loapiNgwanaLoren GrayDavid BeckhamMoleloBubiMetsi le leswe la go tlosa leswe mo Afrika e e kwa borwa jwa SaharaNyalo-lefufa mo BotswanaSezuluBangwatoMatlapeng Ray MolomoGeographic coordinate systemShona FergusonLetsile TebogoGeorge VIMokgwa o o sa lemotshegeng🡆 More